Loagô lwa Dikolobe

©Glenneis Kriel
South African Pig Welfare Code e tlhamilwe ke balemirui, dingaka tsa diphologolo, barwadi, ditheo tsa loagô le batlhabi. E theilwe ka fa tlase ga mokgwa-tsamaisô wa Dikgololosegô tse Tlhano, jaaka di dumetswe ke Farm Animal Welfare Council, eleng kgololosegô gotswa lenyoreng, tlaleng le phepông-tlase, kgololosegô gotswa tlhôkông-phuthulogô, kgololosegô gotswa setlhabing, kgobalong le bolwetseng, kgololosegô ya maitshwaro a tlwaelô le kgololosegô gotswa letshogong le kutlôbotlhokong.

Kgololosegô Gotswa Lenyoreng le Tlaleng

©Glenneis Kriel
Goya ka mokgwa-tsamaiso onô, dikolobe tsotlhe di tshwanetse go fitlhelela metsi le dijo tse di lekaneng di le phepa di kgona go rwalwa.

Kgololosegô Gotswa Tlhôkông-Phuthulogô

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Batho ba ba dirang ka dikolobe ba tshwanetse go kgona go dira ditiro tsa bona ka kutlwiso-botlhoko ya dikolobe e potlana. Mo dipolaseng tse kgolo, badiri nako dingwe ke baitseanape ba ditiro tse di ikgethileng, sekai, go dira fela ka dikolobe tse di tsalang kgotsa dikolojane tse di golang, fa badiri mo dipolaseng tse di nnye ba ka tlhoka go dira ditiro tsotlhe.
Mokgwa mongwe le mongwe o o ka bakang tlhôkô-phuthulogô e e sa tlhokegeng o kganetswe, mme molao-tiriso o totile go ragwa ga dikolobe, tiriso ya dithobane tsa motlakase, seme, dithobane tsa tshipi, dithobane tse di bokete kgotsa didiriswa dingwe tse di ka gobatsang kgotsa go tshosa dikolobe, ga mmogo le go kuka dikolobe ka ditsebe, mogatla kgotsa maoto a kwa pele. Dikolobe di seke tsa bofelelwa ka mathale, dikgole kgotsa megala, e ka tswa ele ka leoto, molala kgotsa mmele.
Meno a ditona ga a tshwanela go ka kgôlwa, go segwa kgotsa go sagwa, ntle fela le fa go dirwa ke ngaka ya diphologolo ka seidibatsi se se maleba. Dikolojane ga di a tshwanela go fagolwa fa di setse di fetile bogolo jwa malatsi ale supa. Lefelo le dikolobe di tsholwang mo go lona le tshwanetse go tsholwa le le phepa go netefatsa phuthulogô ya phologolo, go fokotsa matshosetsi a go anama ga malwetse goya go dikolobe tse dingwe kgotsa go batho, le go thibela kgotlelego ya mowa.

Kgololosegô Gotswa Mo Ditlhabing, Kgobalong le Bolwetse

©Glenneis Kriel
Tshekatsheko ya tsatsi le tsatsi e tshwanetse go dirwa go samagana le mathata pele a tswa mo taolông, jaaka go loma mogatla le go loma ditsebe, dikgobalo, malwetse, kgobelano, kgatelelô ya mogote le ya serame. Dikolobe tse di bobolang kgotsa tse di tlhoriswang di ka tlhoka go tlhaolwa gore di bone kalafi pele di busetswa mo setlhopheng. Goya ka molao-tiriso, diphologolo tse di gobetseng thata kgotsa tse di tshwerweng ke bolwetse jo bo sa alafegeng di tshwanetse go bolawa ka gangwe ka botho.

Kgololosegô ya Maitshwaro a Tlwaelô

©Glenneis Kriel
Enô ke kgololosegô e e dikgwetlo go gaisa fa go tliwa mo dipolaseng tse di tseneletseng tsa dikolobe, segolo thata fa go amanang le tiriso ya dikereite tsa tsadiso kgotsa setale sa didusi. Nnete, fela, ke gore balemirui ba ba sa diriseng technology tsenô ba itemogela ditatlhegelo tse di kgolo, ka ntlha ya ditatlhegelo-mpa le go swa ga dikolojane. Kwa ntle ga seno, ditlhokegô tsa dikolobe tsa sešweng di farologana thata le tsa dikolobe tse di tlhaga tse di sa tokafatswang tsa maloba.
Ka goya ka South African Pig Welfare Code, dikolobe tse di tsholwang kwa ntle di tshwanetse go fitlhelela lefelo-tshireletso le dihôkô tse di maleba, tse di letlelelang bonnye jwa 5 square matres go kolobe nngwe le nngwe. Dikolobe ga di a tshwanela go ka tlogelwa gore di ipatlela dijo, fela di tshwanetse go fitlhelela metsi le sefepi tse di phepa mme di lekane. Gape lefelo le dikolobe di tlhagisetswang mo go lona le tshwanetse go ka kampelelwa, mme go tshwanetse go nna le ditlabakelo tse di lekaneng tse dikolobe di tshwarelwang mo go tsona, go letla ditsamaiso tsa gangwe le gape le kalafo ya dikolobe tse di bobolang.
Ka dithulaganyo tsa tlhagiso e e tseneletseng le tsa tlhagiso e e atologileng, disetale tsa dinamagadi di ka diriswa fela mo halofong ya ntlha ya dibeke di le somethataro tsa go dusa, mme ka nako enô dinamagadi di ka fepwa le go tlhokomelwa ka bonosi, pele di feleletsa paka ya go dusa e e setseng mo moagông o o repileng le dinamagadi tse dingwe.
Dikereite tsa tsadiso di tshwanetse go nna bogolo jo bo lekaneng gore namagadi e emelele le go patlama ka phuthulogô, maoto a taolositswe ka tlhagô. Lefelo le le bolokesegileng la boiphitlho le le nang le moalô le go akanyetsa borothu jwa dikolojane le tshwanetse go tlamelwa mo hôkông ya tsadiso.
Moagô, dikereite le dihôkô di tshwanetse go nna le bodilo jo boseng mareledi, bo tswe metsi sentle, bo phepafatswe ka metlha mme bo neelane ka lefelo-tshireletso le le siameng kgatlhanong ke letsatsi, diphefo le bosa jo bo sa nnang sentle. Lefelo la bonnye 0,85 square meters le a tlhokega go 100kg nngwe le nngwe ya bokete jwa tshelô go thibela kgobelano.