Leopard
Nkwe

© Shem Compion

Leina

Nkwe [Panthera pardus]

Popego

Nkwe e na le mabala a mantsho a a rulagantsweng jaaka dithunya, e e betlilweng k abo serolwana le gauta kwa morago. Di na le mabala a mantsho mo makopanelong le kwa tlhogong. Megatla ya tsona e na le bosweu mo letlaseng. Katse e ke e kgolwane mme e kwenne go feta Lengau. Tlhogo le mmele wa yona o boleele jwa dimetara tse di ka nnagng 1.6 - 2.1, le mogatla o o dimetara tse di 0.68-1.1. Tse di namagadi di ka nna boima kete jwa dikhilograma tse di 17-60 mme tse di tona le boima kete jwa dikhilograma tse di20-90. Boemo bo bo ka nnang dimilimetara tse 700-800 go tswa kwa magetleng. Phologolo e ya bosigo ke sebatana sa bobedi se se golo mo Aforika ka bophara mo dikatseng.

Dijo

E na le dijo tse di forologaneng go netefatsa gore Nkwe o kgona go tshela e jele ka ga sengwe le sengwe. Le mororo di itsiwe ka go ja dipudi tse bogareng le tse di nnye, di itsege ka go ja dipela, ditshwene, diphokoje, ditlhapi le digagabi. Go na le dintlha tse Nkwe e tlhagelelang e tshela ka ditshenekegi le dipeba di mo dinakong tsa tlhaelo. Dinkwe di itsege ka tshela mo maemong a farologaneng le ka go tshela ka fa ntle ga ditoropo le metse.

Pelegiso

Tse di nnye di belegwa ka nako nngwe le nngwe ya ngwaga ka jaalo ga di belege ka setlha se se rileng. Tse di nnye di tsalwa morago ga go dusa paka ya dikgwedi di le tharo le halofo mme tse di namagadi ka gale tsala tse pedi kgotsa tse tharo mo gareng ga mesima ya tlhago le dikgwa tse di kgotlhaneng tseo di fitlhegileng tsa tlholego go tila dibatana. Nkwe yam me e na le tlhokomelo e kgolo mme e ka tsaya matsatsapa a go fitlha tse di nnye go tswa mo go tse dingwe jaaka Tau, Lengau le Phiri, tse di sa kgaoganeng le tšhono ya go ja tse di nnye. Tse di nnye di nna le maatsona go tsa go ngwaga, e leng nako e ka yone di ithutang mekgwa ya diphologolo le mokgwa wa go tshela ka botsona.

Maitsholo a yona

Di robala mo mafelong a a fitlhegileng motshegare mme di bi di tswa go ya go tsoma bosigo, mme mo dikgaolong tse dingwe di a ya go tsoma motshegare. Tirelo ya tson ya go tsoma e akaretsa go sotlha le go tlolela e nngwe, go bolaya motswasetlhabela wa tse dikgolo ka go e tshwara mo mometsong. Tse dinnye di bolaiwa ka go e loma kwa morago ga molala se gantsi se robang phologotswana kwa mokwatleng. Di tlhomola bowa mo letlalong la yona pele ga go simolola go ja tse di bolete ka fa gare.
Masaledi a e e tshwerweng le mo teng ga mogodu le diteng tse di tletseng bojang le motlhaba. Di diphologolo tse di tantabelang ka matlhatlhaga le fa go na le kgaisano go tswa mo go dibatana tse dingwe go sireletsa setopo sa e e tshwereng ka go ka fitlhelelwa mo kaleng e kwa godimo kwa ditlhareng tse dikgolo. Tse ditona di sireletsa dikgaolo tse dikgolo go fitlhelela mo dikgaolong tsa tse di namagadi tse pedi kgotsa tse tharo. Tse di namagadi di sireletsa tikolgo tsa tsona kgatlhanong le tse dingwe tse di namagadi.

Bonnotlhago

Nkwe kgona go tshela mo maemong farologaneng a loapi ke ka fao e kgonang go tshelal kwa mefuteng e mentsi ya manno. E bonwa mo dikarolong tsa kwa lebopong bonwa go tlhatloga 2000 ya dimetara kwa godimo ga lewatle mo dikgweng, dikakeng, seka-dikakeng, ditlhatshaneng, dithaba, kwa ditlhareng tse di ntsi le kwa go leng matlapa teng. Di ikaegile ka metsi a a fa godimo. Katse e kgonang go tantabela gaisa tse di nsti e tlhoka lefelo le le iphitlileng jaaka sekgwa kgotsa matlapa a teng. Le mororo di fokotsega ka dipalo mo dingwageng tse di fetileng, Dinkwe di sa ntse di fitlhelwa setlhopheng sa Leopards di sa ntse di fitlhelwang mo nageng a magolo le kitlaneng sekgwa go ralala Aforikaborwa yotlhe, kwantle ga mafelong a a lenngweng thata.

Di fitlhelwa kwa kae?

Dinkwe di ka bonwa mo mannong a yonaa mafelong tshireletso a metshameko a diphologolo tsa mo Aforikaborwa. Tseno di akaretsa Phaka ya bosetjhaba ya Kruger, Mpumalanga le Pahak ya bosetjhaba ya Pilanesberg mo Porofenseng ya Bokone Bophirima. Nkwe e kgaogangwa e ka fitlhelwa kwa dithabeng tsa kwa Drakensberg le mafelo a poraefete a diphologolo tse di farologaneng mme le kwa bolemirui mo Afrikaborwa.