Lebombo Aloe
Mokgopha-Wa-Lebombo

Leina

Mokgopha-Wa-Lebombo kgotsa Lebombo Aloe

Leina La Se-Latin

Aloe spicata

Thanololo

Mokgopha-Wa-Lebombo ke mokgopha wa thitô e khutshwane ka matlhare a masesane a o kareng mabanta; mmala wa matlhare ke o ô botala jo bo thuntseng kgotsa o ô bohibidu jwa setena fa a le mo letsatsing. Gape a na le menonyana a a bogale mo masetlhareng, mme a matute thata ka matute a a tepôlogang a a serolwananyana. Matute a ntse a dirisetswa go alafa malwetse a mala dingwaga-kgolo di le di ntsi.

Matlhare a a matute a boloka le metsi go thusa semela go falola mo komelelong. Dithunya di tlhoga mo dikalaneng tse di kimanyana mme di bopegile jaaka tšhupu. Nako ya go thunya ke ka mariga, fa dithunya tse di serolwana di le mo dikalaneng tse di emeletseng. Dimela di sireleditswe kgatlhanong le go fulwa ke mebitlwa e e bogale le matute a a bosula.

Tulo

Aloe spicata e mela mo mehapheng le mo majweng mme e fitlhelwa kwa diporofenseng tsa Mpumalanga le Limpopo mo Afrika Borwa le go tsenelela kwa Mozambique le Zimbabwe. Semela seno se sireleditswe kwa Kruger National Park.

Dintlha Tlhagiso

Le fa o fitlhelwa kwa dikarolong tse di matlapa, Mokgopha-Wa-Lebombo ga o na felo-melô fo ô itlhophelang go mela teng. O fitlhelwa gape go ralala mefuta e le mmalwa ya tikologo, go tloga kwa dithabeng go fitlha kwa nageng tsa tlhaga. Mokgopha onô ke ponagalo e ê tlwaelegileng kwa dikarolong tse o melang kwa go tsona.