O ka Kgwedisa ka Seatla Kgomo ya Mašwi Leng

© Pieter Langenegger

Morago ga go tsala, popelô ya kgomo e a itharabologela, mme e hunyele go boela kwa bogolong jwa yona jwa tlwaelô. Nako ya itharabologelo e ka farologana gotswa go malatsi ale 25 goya go 50. Fa kgomo e itemogetse matsapa ka motsi wa tsalô, go ka isa kwa ditshwaetsegong tsa popelô ya yona, mme seno se ka atolosa paka ya itharabologelo ya popelô. Go dikologa ga setlwaedi ga kgotelô-tsadiso go bowa morago ga itharabologelo ya popelô. Morago ga fao dikgomo di tsena mo kgotelông-tsadiso malatsi mangwe le mangwe ale 19 goya go 21.
Go dikologa ga kgotelô-tsadiso go akaretsa go bopega ga seuma mo popelông go baakanyetsa gotswa ga peo ya senamagadi ya kgwêlô. Fa go se kgwêlô e e diragalang, tsamaiso e a ipoeletsa.
Go matshwao ale mmalwa a dikgomo di a bontshang fa di le mo kgotelông-tsadiso, fela letshwao le le gaisang ke la gore dikgomo di ema ka setu gore di kgwediswe ke poo kgotsa di kgwediswe ka seatla. Tlhola gape mamina a a tlhapileng gotswa mo serweng sa bonamagadi. Ntshô-leê (fa seuma se thunya go ntsha leenyana) e diragala diura di ka nna 12 morago ga bokhutlo jwa kgotelô-tsadiso ya go ema ka maoto.

Kgwedisô ka Seatla (AI) e Dirwa Jang

Le fa AI e kaiwa jaaka mokgwa-tiriso o o bonolo, mokgwa-tiriso o o siameng o tshwanetse go selwa morago mo kgomong nngwe le nngwe.
Semen e e diriswang mo AI e bolokwa ka mo mathompong a polasetiki a bogolo jwa 0.5 ml ka mo gare ga flask ya semen (tanka) mo themphoritšhareng ya -196°C.
Dingwe tsa dikgato tsa motheo tsa AI di akaretsa go go latelang: gakolosa semen ka go tsepama (ka go emelela) mo thermos flask e e nang le metsi a a bothitho mo themphoritšhareng ya 35°C. Ntsha lethompo morago ga motsotso ole mongwe, omisa lethompo ka letsela la pampiri mme o tsenye lethompo ka mo gare ga pistolet ya kgwedisô e e thuthafaditsweng.
Kgaola ntlhana ya lethompo go letlelela semen gore e kgarameletswe kwa ntle, mme o beye kgatla ya polasetiki mo godimo ga lethompo le pistolet go di sireletsa kgatlhanong le pathogens. Jaanong, tsenya pistolet ka mo gare ga serwe sa bonamagadi sa kgomo mme ka kelotlhoko o e laole gore e tsenelele goya kwa cervix, mme o tshele semen go tsena fela ka cervix. Morago ga fao, popelo e ka sedilwa go tlhotlheletsa motsamao wa semen ka mo gare ga lonaka lwa popelo. Baya kgomo ka go kgaogana le tse dingwe le ka setu nakwana morago ga kgwedisô.
Fa kgwedisô e sa atlega, kgomo e tla tsena gape mo kgotelông ya tsadiso, malatsi ale 19 goya go 21 morago ga kgotelô ya bofelo.

Translated by Nchema Rapoo