Kgaoganyo ya Bong mo Gareng ga Matebele

© Dr Peter Magubane

Boitshwaro le Mekgwa ya Tlhogo

Boitshwaro le mekgwa ya tlhogo ya lotso di a itshupa mo ditšhabeng tsa Matebele. Go na le ditlhopha tse dingwe tse dintsi, banna ba Ndzundza - segolobogolo ba lemorago la bogosi - ba tswelela go dirisa go nyala lefufa. Maatla le bothati jwa ditlhogo tsa lotso ba kolota sengwe se se mo nakong eo batho ba e fetsang jaaka badiri ba ba hirileng kwa dipolaseng tsa basweu. E gatelela gore badiri ba ne ba tsamaisiwa ka lelapa la monna yo e leng tlhogo, e e tshegetsang bothati jwa gagwe. 

Ka go katoga dipolasa tsa basweu, banna ba le bantsi ba simolotse dikgwebo tsa bone jaaka bakgweetsi ba dithekesi kgotsa baagi, ka kganetso ya go dira mo meepong le mo intasetering jaaka baagisani ba Bapedi ba ne ba dira mo dingwageng di le dintsi. Basadi ba tswang KwaNdebele ba tla dira ka mo gae kwa Pretoria mme ba boele gae go tlhoma bonno le go tlhokomela bana moo ba tshegediwang ke banna ba bona. Go dira le go rekisa dipheta, meseme, dimpopi le botsweretshi bo bongwe le tsona di neetse basadi ba bangwe ba Matebele ba itshedisa ka boikemelo – ka bobedi bao ba ba itsegeng kwa dinageng di sele ba jaaka Esther Mahlangu, le ba ba nang le dikeletso tse di leng boikokobetso.

Translated by Lawrence Ndou