Ga go itsewe gole kalo ka ga ditlholego tsa go sale gale tsa batho ba Basotho ba Batswana ga jaana eleng karolo ya bona. Goya ka puo-kitso, ba ne ba le mo gare ba babui ba se-Bantu ba ba tswang kwa tikologong ya Matsha-Magolo a Afrika Botlhaba (Victoria le Tanganyika), mme ba bololela borwa ka dikhudugo tse di tsereng sebaka sa dingwagakgolo. Puo gape ke gore e ne ele ba morafe o o tshwanang mme morago ba kgaogana ka ditlhopha tse di farologaneng.
Jaaka Basotho, diphethene tsa metse ya bona le mafelo-bodulo di amilwe ke dintwa tsa go sale gale ka bo-1800 ka motsi o Shaka a neng a tlhatlogela mo boreneng. Go sa tshwane le Basotho, ba ne ba ipopa ka magosi a a kgaoganeng (a kwa morago a neng a itsagale jaaka merafe ka puo ya sekoloniale e e santseng e tsweletse kwa Botswana le gompieno) gona le gore ba ipope ka bongwe, mme ba ipaya kwa bophirimeng jo bo omeletseng jwa naga, kwa ba fitlhetseng Basarwa ba neng ba setse ba ipeile go tshaba tsenelelo ya bafudisi mo dikgaolong tsa bona tsa botsumi.
Mo gare ga batho ba ntlha go iphara kwa dikarolong tse di ungwileng tse di kwa botlhaba jwa Botswana ya gompieno e ne ele Bakgalagadi. Fa batsogapele ba Barolong le Batlhaping ba iphara go ikala le dikarolo tse di kwa godimo tsa Noka ya Molopo le tsamaela kwa borwa le bophirima ka iketlo, ba ne ba monyela Bakgalagadi le Basarwa mo kgaolong.
Ba ba gananeng le nyalano ba ne ba pateletswa go tsamaela kwa boteng kwa maiphitlhong a Sekaka sa Kgaladi kwa dikokomane tsa bona di santseng di ka fitlhelwa le gompieno. Kgaolo e e gaufi le Rustenburg, Zeerust le Lichtenburg tsa sešweng kwa porofenseng ya Afrika Borwa ya Bokone-Bophirima e ne ya dulwa ke Bahurutshe, Bakwena le Bakgatla, ba Metse ya bona gompieno e bontshang go nna teng go go maatla ga Batswana. Go nna teng gono go maatla ka go tshwana, fela ka go phatlhalala le go se bonale bonolo, go ralala ditoropokgolo tsa porofense ya Gauteng.
Bopaki bo tshitshinya gore batsogapele ba bangwe ba Batswana ba gompieno ba ne ba tshela kwa Nagagodimo go tloga ka bonnye ngwagakgolo wa bo-17. Paka go simolola fao go fitlha go sale gale ka ngwagakgolo wa bo-19 e ne e itshwaile ka go diinaakanyo tsa sepolotiki tsa gangwe le gape le dikgaogano tsa ditlhopha tsa bobusi: maloko-mannye a lelapa la segosi gantsi ba ne ba ikgaoganya mmogo le balatedi ba bona go bopa setlhopha se se ntšhwa, se ka kakaretso se neng se itsagale ka leina la moeteledipele wa sona yo mo ntšhwa.
Fela, go tloga ka bo-1810, setlwaedi seno se ne sa fokotswa ke mabaka ale mabedi: merusu e e neng e bakilwe ke ba-Nguni le batlhasedi ba bangwe ka motsi wa dintwa tsa ga Shaka; le matshosetsi a go tseelwa lefatshe fa bathibeledi ba basweu ba goroga mo kgaolong, lantlha go tla go batla lefatshe le dikgomo mme morago mo patlong ya badiri jwa madirelo a mantšhwa a meepo ya taemane le gauta.
Mabaka ka bobedi a tshoseditse boikemedi jwa magosi a selegae mme a isa kwa setlwaeding se se ntšhwa sa metse e e kitlaneng ka dikarolo tsa sepolotiki tse kgolwane tsa boitshireletso go na le tsa pele. Ka go fetoga ga diinaakanyo tsa sepolotiki go nna thata le kotsi, magosi a a neng ale teng a ne a gola mme a kokoanngwa, gantsi mo mafelong a metse e megolo, go nna se gompieno se bitswang merafe.
Translated by Nchema Rapoo