Batsonga ba ba tlogileng kwa lobopong ka ngwagakgolo wa bo19 ba tlisitse metswedi e mentšhwa ya dijo mo Teransefala, go akaretsa cassava (manioc), mefuta e e rileng ya matonkomane, ditapole le mabele. Tse di ne di le botlhokwa thata e ne le dimela tsa mmidi le dikgaka tse di tlhagisitsweng ke bakoloniale ba ma mafelong a boana a mantšhwa a bonno.
Bontsi jwa tiro ya temothuo bo ne bo dirwa ka go ka nna gotlhe ke basadi, kwa ntle ga phepafatso ya ntlha ya tshimo e e neng e le tiro ya banna. Banna gape ba ne ba jala motsoko (fole).
Thobo ya dijalo ka gale e ne e le ka titirano, e ka dirwa ka go refosana, le baagi mo tikologong ya go roba sejalo sa motho mongwe le mongwe kwa morago. Mong o tla dira jaaka motshwari le go tlamela bontsi bo bo lokologileng ba biri le dino gore se se nne tiragalo ya moletlo, tirisanommogo ya loago ya go keteka le karolo e e botlhokwa ya tiragalo.
Batsonga ba ne ba dirisia termothuo ya go ripitla le go fisa. Mafelo a sekgwa sa tlhago a ne a remiwa le go fisiwa le dijalo tse di jalwang mo tshimong e e phepafaditsweng go fitlha fa monono wa yona o lapile o ne wa monolwa yona le thobo e e fokotsegileng.
Jaanong karolo e nngwe ya lefatshe e ne ya phepafadiwa le ditshimo di na tsa tlhabololwa. Mokgwa ono wa bolemirui o fitlhile mo go tsamaong jaaka ba ne ba tshwanelwa ke go nna ba tsamaya ka iketlo ka go senka masimo a mašwa. Jaaka baagi ba ntse ba oketsega, gantsi e feletsa mo kgaisanong ya lefatshe le, ka dinako tse dingwe, le kgotlhang.
Ka bogolo jwa ngwagakgolo ya bo19 go tsoma ditlou e ne e le tiro e e botlhokwa mo lebopong le mo gare ga naga. Go fitlhela ka bo1860, ditone tsa aefori di rometswe kwa Lourenco Marques kgotsa go tsewa go iswa kwa Durban ngwaga le ngwaga. Batsomi le bona ba rekisitse palo e ntsi ya matlalo a dikatse mmogo le bobowa, bogolosegolo go dirisa mo diaparong tsa sesole sa MaZulu le MaGaza. Jaaka metlhape ya ditlou e nyelela le mephato e phatlaladiwa, batsomi ba bolailwe palo e e oketsegileng ya tshepe le go rekisa matlalo le dinaka go barekisi.
Nama ya kgama e ne e le karolo e e botlhokwa ya dijo tsa selegae, le go thaya ditlhapi e leng tiro ya selegae e e botlhokwa. Dipula tsa ditlha di fetolela mabopo a noka a a omileng a a rorang a merwalela e e phatlolang lotshitshi la noka, di kgobokanya matamo a magolo a metsi a a letsubutsubu ka bogaufi. Jaaka letsatsi la selemo le omisa matsha, baagi ba tlhometse ka diroto tsa metsu ya thaba ya go thabuetsa di feela go ralala mo metsing a a seng boteng ba senka ditlhapi.
Kwa bokhutlong jwa ngwagakgolo wa bo19 basomaredi ba simolotse go tswala kaboabo ya naga ka 1926 e e nnileng Phaka ya Bosetšha ya Kruger. Baagi ba le bantsi ba ne ba ntshiwa mo phakeng le ba ba neng ba nna gaufi ba ne ba ileditswe go tsoma diphologolo tsa naga le go thaya ditlhapi mo melelwaneng ya yona. Go tsoma le go thaya ditlhapi di santse di le boitapoloso bo botlhokwa thata kwa go bontsi jwa batho ba, fela ke jaaka magodu, go na le go nna batsomi ba ba motlotlo, ba ba senkang diphologolo tsa naga.
Go feta ngagakgolo, banna ba Batsonga ba bone tiro mo meepong ya Aforika Borwa le mafelo a madirelo. Ka kakaretso ba tshwanetse go nna mo dihoseteleng le go feta diura tse di telele mo ditereneng le dibese. Lehuma le kwa motseselegaeng le tšhono ya kwa motsesetoropong e dirile gore go feta seripagare sa Batsonga mo nageng ya rona ba fudugele ruri kwa ditoropong.
Mo dikgaolong tse dintsi ikonomi ya motseselegae e ikaegile ka tuelo ya madi a a romelwang kwa gae ke badiri ba bafaladi kwa ditoropong. Ka go oketsega basadi le bona ba dira dinako tse di bokhutshwane kwa dipolaseng tse di gaufi.
Bothata bo bogolo ke gore go na le batho ba le bantsi mo lefatsheng. Se ka bontlhanngwe karolo ya boswa ba molao wa tlhaolele le ka bontlhanngwe ba ntlha ya go sa rateng go latlha dikamano tsa loago, digopotso le boitshupo bo bo amanang le lefatshe. Pula e ikanyegile mo mekgokoloseng ya Dithabana tsa kwa botlhaba, mme mo mafelong a le mantsi le metsi a pula a tlhokega.
Go dirisa bolemirui e le kgwebo go dirwa mo mafelong a nosetso mme tshotlo tiriso ya lefatshe e tshwerwe ke kabo ya morafe ya tsamaiso le mafaratlhatlha a a bokoa a dipalangwa. Mo bathong ba le bantsi dikgomo di sa ntse e le motswedi wa maemo go na le gore e nne boleng jwa ikonomi; mme di kwa tlase jaaka motswedi wa madi a a tsenang go feta mokgwa wa go bona basadi le maemo a papatso.