Go Lebelela Dinonyane kwa Mapungubwe

Boiphitlho jwa Dinonyane kwa Maloutswa

©Jacques Marais

Kgonagalo ya go lebelela dinonyane kwa Mapungubwe ke e e sa feleng. Phaka e ntse kgabaganyo ya ditsela tsa tikologo mme palo nngwe le nngwe ya ditshedi tsa dinonyane e ka tlhagelela. Go akanngwa gore kgaolo e ena le diphedi tse di ka nnang 400. Boiphitlho jwa dinonyane kwa Maloutswa bo agilwe mo godimo ga mosima wa metsi o o tseneletseng mo karolong ya bophirima ya phaka.

E ntse mo kgaolong ya lebanta le le sephara la ditlhare tse di leng mo nokeng le kgwatata ya sekgwa sa mebitlwa, thulaganyo ya tsa tlhago le tsa maitirelo ya matlapa ya lekgabe la Mapungubwe.

Naga go dikaganyetsa boiphitlho e ne e senntswe bobe, fela tshiamelo ya tikologo e ya e ntse rulaganngwa ka bonya go tswa ko dipolaseng tse di fetotsweng. Boiphitlho bo siametse diphologolo tsa naga le dinonyane go lebelela. Bo beilwe gaufi le Kampo ya Ditente ya Sekgwa ya Limpopo.

Translated by Lawrence Ndou