Go Gama Dipodi tsa Mašwi

© Chris Daly

Tlhagiso ya mašwi a podi e ya setlhoeng mo kgweding ya ntlha kgotsa ya bobedi morago ga tsalô ya potsane. Colostrum, eleng mašwi a ntlha gotswa mo theleng, e botlhokwa go masole a mmele a potsane. Dipotsane di ka tsewa gotswa go bommaatsona morago ga beke mme di godiswe ka go kgaoganngwa, ka mašwi a a ka etsang 1 litre ka letsatsi, diemedi tsa mašwi le tsona di ka diriswa. Podi ya ntshô e e kwa godimo ya Saanen e ka tlhagisa 1 200 litre ya mašwi mo pakeng ya dikgwedi di le lesome. Botlhagisi jwa botshelo jotlhe jwa podi bo ikaegile ka seêmô sa go ka tshola, ntshô ya mašwi, malwetse (go tshwarwa ke mastitis) le sebopego sa mmele jaaka thele e e tiileng le maoto a a nonofileng.

Didiriswa tsa go Gama Dipodi tsa Mašwi

©Gavin Cressley Fire Fly Farm.J
Fa o gama dipodi o tla tlhoka lefelo le le phepa la go gamela, metsi le kgamelo e e phepa di a tlhokagala. Matshego a go gama le ona a ka rekwa. Go gangwa go tshwanetse e nne maitemogelo a a namatsang go dipodi - di neele dijonyana fa o ntse o di gama. Dipodi tsa mašwi di tshwanetse go tshwarwa bonolo ka tlhokomelo.
Go gama ka seatla go a lapisa mme mogami a ka lapa thata fa a tshwanetse go ka gama dipodi go feta diura di le pedi. Akanya ka go reka motšhine o o gamang, fela nna kelôtlhokô ka go reka motšhine o o ka nnang o monnye fa nako e ntse e tsamaya. Mašwi a tshwanetse go ka rurufatswa ka bonako jo bo kgonagalang mo themphoritšhareng ya 4°C. Mo lobakeng lwa seêlo se se golo sa mašwi, akanya ka go reka moteme o o rurufatsang wa bogolo jo bo lekaneng koketsego ya isago mo tlhagisong ya mašwi.

Bophêpa jwa Mašwi

©Chris Daly
Jaaka ka mofuta mongwe le mongwe wa mašwi, bophêpa ke selo se se botlhokwa thata. Mašwi a tshwanetse go nna phepa ka fa go kgonegang mme a tshwanetse go ka rurufatswa mo themphoritšhareng ya 4°C. Go phela go na le bacteria e e rileng mo mašwing, ka jalo mekgwa-tiriso ya bophêpa e selwa morago ka go gagamala. Ntle fela le fa mašwi a beilwe ka go rurufala (ka fa tlase ga 4°C), bacteria e tlile go ata ka bonako mme e bodise mašwi.
Selo se se gaisang ke go futhumatsa mašwi, mme ka tsela enô bacteria nngwe le nngwe e e ka tswang ele mo mašwing e a bolawa. Ga go botlhokwa gore mašwi a belê ka ge seno se tlile go fetola tatso ya mašwi. Fela, fa a ka tsholwa go 63°C metsotso ele 30, bacteria e tlile go bolawa, fela tatso le boleng jwa sejo di ka se fetoge jalo, fa ele gore di ka fetoga. Tsamaiso enô e bitswa pasteurization. Metšhine ya sešweng ya pasteurization e gotetsa go fitlha go 73°C mo metsotswaneng ele 15.

Go Phuthelwa ga Mašwi

Ditshodi tsa tshelô, tsa mašwi a dipodi, di tshwanetse go rekwa mo seêmông se se tlhwekileng mme ga di diriswe gabedi.
Mašwi a a pasteurised a ka tshelwa mo polasetiking e e tlhwekisitsweng kgotsa mo mabotlolong a galase mme a tswalelwe ka go dirisa dikhurumelo tsa foele ya aluminum kgotsa ka dikhurumelo tse di kurufulelwang. Mašwi a a pasteurised a ka tshelwa gape mo dikgetsaneng tse di tlhwekisitsweng kgotsa mo mabokosong a a tshasitsweng mafura ka mo gare. Seêlo se se kwa tlase sa mašwi se ka tshelwa ka seatla, fela seêlo se se kwa godimo se tla tlhoka motšhine o o pakang.

Translated by Nchema Rapoo