Eagle Ray

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Eagle ray

Tse dingwe tsa lelapa la tsone

Bonnet, Smooth-tail, Manta, Common, Bull, Cownose and Devil

Leina la Maranyane

Myliobatidae

Semeto

E ka nna ke diphuka tsa bophara ba 3 m.

Ponalo

Mmele o kgolokwe mme e na le diphuka tse di kgutlotharo. Tlhogo ya yone e fa godimo ga mmele. E lefitshwana kwa godimo, ka mmala o montsho kgotsa o mosetlha. Ka dinako tse dingwe o ka bona ditsubaba kgotsa phathene a lefitshwana. Ka fa tlase e bosweu.

Dikitsiso

Lelapa la Myliobatidae le na le mephato e le 7 le dibopiwa dile 42 tse di farologaneng. Di kgna go thuma ka lebelo le le kwa godimo. Mogatla wa yone o motelele go feta mmele. Tse dingwe di na le sefene (snout), jaaka Eagle le Bull ray. Molomo wa yone o gaufi le mpa (Ventral mouth). Meno a yone a sephaphathi, ka sebopego sa chevron mme a dirisetswa go phuphura dijo tsa yone. Ka tsalo di ‘Ovoviviparous’ se se raya gore mae a tsone a tsholwa mo mmele go fitlhela di tsala bana. Bana ba yone ba tsalwa ba setse ba godile mme ba felletse.

Dijo

E fepa ka molluscs le di’crustaceans.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Eagle ray - Myliobatis aquila
Flapnose ray - Rhinoptera javanica
White-spotted eagle ray - Aetobatus narinari