Dottybacks

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Dottybacks

Leina la Maranyane

Pseudochromidae

Semeto

E ka nna 50 cm, fa bontsi bo ka nna 8 cm.

Ponalo

Mmele wa yone o mollele mme o kgolokwe ka sebopego ka mogatla wa mokwatla o o elelang mmele ka botelele. Megatlana ya kwa mathekeng e mennye fa wa kwa morago o le motona. E tona le e namagadi ga ditshwane mme di farologane thata. Gantsi o ka di bona ka mebala e kganyang ya mmala wa namune, phephole, bontsho, ka methalo ya bosweu le mmala wa lephutshe e tlwaelegile.

Dikitsiso

Lelapa la Pseudochromidae le na le mephato e le 16 le dibopiwa dile 98 tse di farologaneng. Di ka bonwa mo diphatlheng le mo maketlong a coral gaufi le mafika a lewatle. Di sireletsa mafelo a tsonel. Ke di’hermaphrodites (Di kgona go nna le bong ba tse ditona le tse di namagadi e le esi). E namagadi e tsolola kgesti ya mae mme ya monna e nonofatse mae ao ka peo ya yone, e be e a elama go fitlha a thuba. Tse dingwe tsa dibopiwa tse di elama mae ka molomo.

Dijo

E fepa ka algae, di’crustaceans tse dinnye le plankton.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Bicolour dottyback - Pictichromis paccagnellae
Sankeys dottyback - Pseudochromis sankeyi
Dark dottyback - Pseudochromis pesi