Batho ba ntlha ba buwang Setsonga ba tsene kwa Teransefala gongwe ba dirile jalo mo ngwagakgolong wa 18. E ne e le bagwebi ba botlhokwa ba ba neng ba latela dinoka mo gare ga naga, fa ba neng ba ananya lesela le ditalama ka aefori, koporo le letswai. Mo tshimologong ya bo1820, ba ne ba tsenelwa ke batho ba leleme le le tswanang le la bona ba ba neng ba kgoromediwa go tswa kwa lebopong ke bagapi ba baNguni.
Mo nakong Batsonga ba ba neng ba nna mo lebaleng la lebopo ba ne ba tsenyeletsa batho ba ba neng ba tsalanaka leleme ba ba neng ba kgaogana ditso tse di mmalwatse di farologaneng mme ba ne ba na le boitshupo bo le bongwe ba go busa. Ditlhopha tsa bona tse di nnye di ne di ka nna fela kgoreletso e e lekanyeditsweng go baNguni ba ba tlhaselang.
Setlhopha sa bofelo baNguni go fitlha mo kgaolong e ne e le masalela a sesole sa ga Ndwandwe, ka fa tlase ga Shoshangane, se se bogileng kgarolo go tswa mo diatleng tsa ga Shaka tsa di-impi tsa gagwe tsa Mazulu mo dintshing tsa Noka ya Mhlatuze, gaufi le Ulundi ya gompieno.
Batshabi ba nnile go bapa le Noka ya Tembe, kwa borwa-botlhaba ba se gompieno e leng Swaziland mme pele ga nako e telele ba ne ba fetogela mo go Batsonga, ba ya kwa bokone ka go feela bonolo go ya kwa Mokgatšheng wa kwa Limpopo. Kagiso e e sa tsepamang e ne ya tlhamiwa jaaka Ndwandwe (kgotsa Shangaan) a simolola go akaretsa batho ba buang Setsonga mo go bona.
Naga ya baNguni ya molelwane wa kwa bokone ba Zululand e ne e le letshwenyo kwa Mazulung, e dira jaaka legae la majelathoko a sepolotiki le go tshosetsa tsela e e botlhokwa ya kgweboya go ya kwa Lourenço Marques (jaanong e leng Maputo). Letsholo le le ntšhwa la Mazulu le ne la romelwa kwa bokone ka 1833 go tlhasela Shoshangane le go otlhaya ditsala tsa gagwe.
Ba tshwerwe Lourenço Marques mme ba bapola mmosisi wa toropo kwa lebopong. Go tsamaong ya tsoloso e ya Mazulu, Shoshangane le balatedi ba gagwe ba ba tshabileng go tswa kwa bonnong ba bona go tswa kwa Mokgotšheng wa Limpopo. Ba tsweletse pele go ya kwa Nokeng ya Zambezi ya Aforika Borwa pele ya kwa borwa kwa Mosapa (Zimbabwe).
Go tswa fa Shoshangane o ne a simolola go gatelela le go akaretsa baNdau ba ba buwang seShona. Ka go dirisa masole a gagwe a a atolositsweng, o ne a tiisa maatla a gagwe mo tikologong ya Noka ya Zambezi le Lebopo la Delagoa.
Ka iketso Bogosi jwa kwa Gaza, e e releletsweng ka tlotlo go rraagwemogolo Soshangane yo a neng a nna kwa Mkuze kwa kgaolong ya KwaZulu, go simolotse go tlhaga le thoko ya kwa botlhabela ya thabana ya le mo sekgweng se se mogote sa lebala la kwa lebopong.
Paka ya tsamao ya kagiso e ne ya diragala, ka nako e Ndwandwe go tswa kwa borwa le Batsonga, ba ba neng ba le mo kgaolong dingwaga di le makgolo, ka iketlo ba amana. Se se ne sa gola morago ga 1838 fa bontsi jwa masole a ga Soshangane a bolawa ke leroborobo la sekgwaripana, mme o ne a boela kwa Mokgatšheng wa Limpopo.
Mephato ya gagwe e ne ya ripitla kgaolo, jaaka a ne a otlhaya manaba a gagwe, a tsenya basadi le bana mo bokgobeng, mme a batla dituelo tse di bokete tsa tlotlo. Madubadube a ne a kumola metswedi ya batshabi go tswa kwa lebaleng la lewatle. Ba Nkuna le ditlhopha tse di nnye tsa tsamaya mabapi le Nola ya Lepelle go bona bonno ka fa tlase ga merafe e e buang Sesotho, Bakaha le Balovedu, mo kgaolong kwa Nagatlaseng ya kwa bophirima.
Makhubu a bobedi a batshabi (Maluleke, Baloyi, Tshauke le Sono) ba setse Limpopo morago go nna go bapa le Noka ya Levubu (Pafuri) kgotsa mo dinagafatsheng go ya kwa botlhaba ba Soutpansberg le Drakensberg.
Ditlhophana tse dinnye tsa batshabi ba setse ba tshotse dikgosi tsa bona ka go nna kwa dikarolong tse di tlhokang kamogelo, tsa malaria tse di kotsi mme, fa ba ne ba akanya go tshela mo dinagagodimong tse di itekanetseng ba ne ba tshwanelwa ke go senka tshireletso ya baeteledipele ba tshwanang le Modjadji yo a neng a bua Sesotho, Podile le Maake kwa borwa kgotsa Pafuri yo o buang Sevenda kwa bokone.
Ka bo1850 batshabi ba Batsonga ba dirile legae la bona kwa dithabakgolong tsa Spelonken tsa Soutpansberg fa molekeledi wa Mopotokisi, Joäo Albasini, o neng a aga puso ya gagwe go tswa mo dipoelong tse di dirilweng go tswa mo thekisong ya makgoba le aefori.
Fa bafaladi ba Batsonga mo teng ga naga ba simolola go nna baagi ba ba nnye, ba botsalano kwa lewatleng ba ne ba tshwanela ke go emelana le dikhuduego tsa sepolotiki tse di tswelang pele. Ka 1858 Shoshangane o ne a tlhokafala mme bogosi ba simolola go folosa jaaka basimane ba gagwe, Muzila le Mawewe, ba ne ba lwela bogosi.
Shoshangane o ne a kaile Muzila jaaka motlhatlhami, seo Mawewe o neng a se ganetsa; mme se bakile dingwaga tse di ka nnang di le 10 tsa ntwa e e tswelelang. A thusa ke Albasini le bagwebi kwa Lourenço Marques, Muzila o bone go nna kwa godimo.
Mawewe o ne a tshabela kwa Swatsing, fa a neng a lopa thuso ya ga Kgosi Mswati I, kwa bofelong a nna kwa bokone jwa kwa Swatsing mo molelwaneng le kwa Gaza. Muzila o ne a fetotse bogare jwa naga ya Gaza morago kwa pabalesegong ya Mosapa, a tlogela mothamo wa Lebopo la Delagoa le sa sireletsega. Mariga mangwe le mangwe ba ne ba dira ditlhaselo mo tikologong.
Ka 1884 muzila o ne a tlhokafala mme morwa wa gagwe, Gungunyana o ne a mo tlhatlhama. Kgosi e ntšhwa e lekile gantsi go tlhoma taolo gape kwa borwa jwa Gaza. Ka 1889 o ne a sotisetsa mošate wa gagwe kwa Limpopo tlase, a gapa borwa bo bo golang ba bogosi jwa gagwe. Tshenyo e e neng e tswela pele e simolotse lekhubu le le ntšhwa la phudugelo kwa Teransefala mme la tlisetsa Gungunyana kgotlhang le Bapotokisi.
Jaaka boemakepe ba tlhago ba Witwatersrand, Lourenço Marques e ne ya gola le ditshimo tse ribolotsweng tsa gauta. Se se neetse Mapotokisi keletso le didiriswa tsa go tlhoma taolo ya borwa jwa Mozambique; ka 1895 letsholo la go tswa Lisbon le ne la fenya Gungunyana mme ba mo lelekelela kwa Azores.
Morwa wa gagwe, Thulilamahanxi, yo a neng a santse le monnye ka nako eo, le mmusi wa nakwana, Mpisane, ba ne ba tshabela kwa Rephaboliking ya Teransefala mme ba nna kwa bokone jwa Noka ya Sabi go bapa le dithabakgolo tsa mokoloko wa thaba ya Drakensberg, mo teng ga kgaolo ya Mhala.
Thubaganyo ya Gaza e feditswe dingwaga di le pedi morago ga fa mme dihuduego tse di neng di eteletswe pele ke mongwe wa bagenerale ba Gungunyana o ne a fenngwa ka go tlhoka kutlwelo botlhoko. Se se simolotse makhubu a mantšhwa a phalalo jaaka masaledi a bogosi ba Gaza a tshela molelwane mme a tsena kwa Teransefala.
Ka 1910 Mpisane o ne a itatola malaodi wa nakwana wa gagwe mme a tlhopa Thulilamahanxi, yo o neng a amogelwa ke khansele ya lelapa jaaka mojaboswa mo go se nneng gone ga Buyisonto yo o neng e le kwa botshabelong, motlhatlhami yo o mo molaong wa Gungunyana. Ka 1922 Buyisonto yo o neng a le kwa botshabelong o ne a a ya kwa Mhala go nna moeteledipele wa ditlogolwana tsa bogosi ba bogologolo ba kwa Gaza.
Ka nako e batho ba buang Setsonga ba ne ba dira diphesente di le nne tsa palo ya baagi ba Aforika Borwa. Kwa Teransefala ba ne ba tshela mo mafelong a a farologaneng. Kwa bokone, magosi a magolo, a a jaaka a Xikundu, Mhinga, Xigalo le Makuleke, ba ne ba nna mo go tse di ipeetsweng tse di gokaganang kgotsa gaufi le Phaka ya Bosetšhaba ya Kruger. Go ya pele kwa borwa, baagi ba ba phatlaletseng ba ne ba itshedisa kwa Nagafatsheng. Gaufi le diphororo tsa dinoka tsa Levubu le Letaba le le Nnye, bafetogedi ba Sekresete ba ebn ba nna kwa dipolase tsa Boromiweng ba kwa MaSwiss kwa Valdezia, Elim le Kurulen, bana ba bona ba ne ba tsean le go keteka Kholetše ya Lemana.
Go ya pele kwa borwa, Nkuna le ditlhopha tse di mmalwa tse di nnye ba ne ba tshela mo molelwaneng wa dithabana. Ditlogolwana tsa Mashangaane a a buang seNguni, le basadi ba bona ba ba buang Setsonga le balateding, ba ntse mo lefatsheng le le fa gare ga Acornhoek-Bushbuckridge le kwa ya bofelo ba borwa jwa Phaka ya Kruger. Gongwe setlhopha se le nosi se segolo sa batho ba ba buang Setsonga se ne se le kwa dikgaolong tsa kwa bokone tsa kwa Ingwavuma - Ubombo KwaZulu.
Tsenoe ne e le ditlogolwana tsa Maputo (Mabudhu ka SeZulu), bao puso e neng ya kgaolwa ka bobedi ke molelwane magareng ga Aforika Borwa le Mozambique. Go farologana le Batsonga ba kwa Teransefala, ba ne ba na le dikgolagano tse di tseneletseng le MaZulu.
Translated by Lawrence Ndou