Ditiragalo tsa mo Polaseng tsa go Thibela Bogodu ba Diruiwa

© Louise Brodie
Kwa ntle ga go ya ka molao go dira gore go nne bonolo gore mapodisi a tshware le go otlhaya magodu, Yuniti ya Thibelo ya go Utswiwa ga Thoto ya Bosetšhaba e naya kgakololo e e latelang ka ditsela tse balemerui ba ka itshireletsang kgatlhanong le bosenyi:

Go Tshola Ditirelo Sentle

©Eric Miller
Netefatsa gore magora le dikgoro di mo maemong a a maleba mme o thape mongwe go disa letsatsi le letsatsi le go baakanya legora fa go tlhokega. Metlhatlogo ya go pega mo gare ga ga ditale kgotsa mo dipolaseng kgakala le tlhokomelo di tshwanetse go tsholwa di notletswe kgotsa di kgoreleditse go thibela mogodu a thoto go di dirisa.

Tshola Diphologolo Kgakala le mo Ditseleng tsa Botlhe

©Eric Miller
Diphologolo tse di fulang kgotsa di tsholwang gaufi le ditsela tsa botlhe di mo kotsing thata, ka jalo tsaya dikgato tse di feteletseng tsa go sireletsa diphologolo tse. Tlhopha modisa go di tlhokomela kgotsa bona sediriswa sa tshireletso se se tla go tsibosang fa motlhape wa gago o simolola go dira ka fa go sa tlwaelegang – ka bogodu ba diruiwa, di tla, sekai, sia ka go leka go tshabela batlolamolao.

Nna Teng

©Eric Miller
Fa o reka naga e ntšhwa, leka go reka naga fa gaufi le kago ya bonno ba gago gore go nne bonolo go itse gore ke eng se se diragalang mo nageng ya gago.
Go nna o se tseng go dira polase ya gago e nne setotwa se se bonolo.

Ela Tlhoko Batho bao ba sa Itsegeng

Netefatsa gore o itse mongwe le mongwe mo polaseng le go tshola rekoto ya baeng. O se letlelele go nyahala kgotsa batho ba ba sa direng go nna mo setsheng sa gago. Batho ba ba sa itsegeng ba ba tsenang mo polaseng kgotsa badiri ba ba etileng ba tshwanetseng go bona tetlelelo ya gago pele ba tsena mo setsheng.
Fa o thapa batho ba bašwa, batlisisa matshelo a bona. Senka gore goreng ba tlogetse ditiro tsa bona tse di fetileng mme o botse go tswa go SAPS gore a ba na le rekoto ya bosenyi.

Bona Baagi mo Letlhakoreng la Gago

©Eric Miller
Dira gore baagi botlhe ba mo polaseng ya gago, go tswa go badiri go yo go bana ba bona, ba nne le kelotlhoko ya dikotsi tsa go abelana le tshedimosetso ka ga ditiro tsa mo polaseng mme o dire gore ba nne mo letlhakoreng la gago ka go ba naa kgatlhego e e leng mo go wena mo pabalesego ya polase, ka gore, sekao, go letla diruiwa tsa bona go tlhakana le go fudi le diruiwa tsa gago. Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna a butse matlho ka mofuta mongwe le mongwe wa se se tlwaelegang se se ka kgoreletsang tshireletsego ya mongwe le mongwe mo polaseng.

Tila Thulaganyo ya ka Metlha

Fetola ditiro tsa mo polaseng go thibela bompimpi go bolela diitiro tsa mo polaseng kwa ntle ga polase. Ka jalo o seke wa bala diphologolo tsa gago ka nako e le nngwe ya letsatsi le letsatsi mme o leke go kgweetsa ditsela tse di farologaneng fa o tlhola diphologolo.

Nna o Ntshitse Matlho Dinameng

©Jacques Marais
Nna kelotlhoko, segolobogolo mo ngweding o o tletseng, ka mafelo a beke, kwa bokhutlong kgotsa kwa tshimologong ya kgwedi, nako ya boikhutso kgotsa ka dipaka tseo o itseng go fa bogodu ba thoto bo diragalang.
Bega ka bonako fa yuniting ya bagodu ba thoto ya gago fa diruiwa bafopholetsi le bareki ba marapo a kwa morago ba nna mafolofolo mo tikologong ya gago mme o tshole rekoto e e lolameng ya bareki ba diruiwa ba ka moso ka bonako fela fa o tsena mo ditherisanong. Karolo eno e ne e rulagantswe go tswa mo tshedimosetsong e e neetsweng ke Foramo ya Bogoud ba Diruiwa ya Bosetšhaba.

Translated by Lawrence Ndou