Tse di Dirwang kwa Mapungubwe National Park

Pagama Pere-Tshitswana

©Jacques Marais
Go pagama pere-tshitswana mo gare ga madimo a bogosi jwa ditlhare - eleng mowane - mo ditseleng tse di leswe le mo ditselaneng tse di leswe tse di matlapa le motlhaba, go dira loeto lo lo kgatlhisang thata lwa pere-tshitswana mo dithabaneng.

Tsamaya

©Roger de la Harpe
Tsamaya mo ditselaneng tsa dinao tse di mo godimo ga ditlhare goya kwa seraleng se go lebelelwang mo go sona, se se fanang ka ditebo tse di boitshegang go ralala noka ya Limpopo goya kwa Zimbabwe le Botswana tsa boagisani, kwa teng majwe a masetlha a motlhaba a tlhatlhoga ka itsetsepelo kgatlhanong le loapi. Mesepele e e kaediwang e ka rulaganngwa goya kwa mafelong a botaki jwa mo majweng, lefelo la ngwaoboswa la Mapungubwe, metlhaleng ya dinosaur kgotsa setlhareng sa mowane se segolo go gaisa.

Kgweetsa

©Jacques Marais
Mebila ya bokana ka 35km e e ka mo gare ga serapa e siametse dijanaga tse di tlwaelegileng tsa sedan, fela 100km go feta fao e fitlhelelwa ke dijanaga tsa mebila-yotlhe (4x4). Gopola go tlatsa lookwane kwa Alldays kgotsa Musina ka ge o ka se kgone go reka lookwane kwa serapeng.

Leba Dinonyane

©Shem Compion
Kori Bustard bird.
Dipopego tsa majwe, sekgwa sa Mopani le sekgwa se se mo dinokeng mmogo le ditlhare tsa mowane, tsotlhe tseno di bopa lefelo-bodulo le le mefutafuta le mo go lona barati ba dinonyane ba ka tshwayang mefuta ya dinonyane ele 400, go akaretsa Kgôri, Tropical Boubou le Morubitshi wa Pel.Translated by Nchema Rapoo