Direkoto tsa Tlhagiso ke Eng?

© Marinda Louw
Direkoto tsa tlhagiso di diriswa jaaka karolo ya botshola-rekoto mo temôthuong go thusa ka bolaodi jwa polase. Bolaodi jwa polase bo akaretsa thulaganyo ya dijalo le tsadisano ya diphologolo, go tshola motlhala wa tiragatso ya dijalo/leruo le go kgona go rulaganyetsa tlhagiso goya ka direkoto tsa tlhagiso tsa setlha se se fetileng. Botshola-rekoto le direkoto tsa tlhagiso mo temôthuong di neelana ka motheo o molemirui a dirang gotswa mo go ona.
Direkoto tsa tlhagiso di mosola mo go supeng mathata a tlhagiso gore go diragatsa ga polase go tokafatswe. Direkoto tse di tlwaelegileng thata tse di diriswang ke direkoto tsa temô ya dijalo, tlhagiso ya leruo, direkoto tsa bodiri le tsa metšhine.

Mefuta ya Direkoto tsa Tlhagiso

Direkoto tsa tlhagiso di ka nna ka sebopego sa spreadsheet se se bonolo se se supang, ka sekai, kgwedi, mofuta wa sejalo, letlha la jalô le la kotulo, mofuta wa leruo, thôbô, mmaraka o o reboletsweng le tlhwatlhwa ya thekiso goya ka kg. Direkoto tsa tlhagiso gape di ka nna matswakabele mme tsa akaretsa dintlha tse dingwe. Dikai di le mmalwa di neetswe fa tlase fa.
Direkoto tsa temô ya dijalo
Tokomane eno e ka akaretsa palo yotlhe ya ditshimo tse di farologaneng, bogolo jwa tlhagiso, thôbô e e kgonagalang le tshekatsheko ya mmu ya lefatshe le le dirisetswang sejalo kgotsa leungo le le rileng.
Dilwana tse dingwe tse di akaretswang mo direkotong tsa temô ya dijalo ke kumisô, jalô ya peo, mekgwa ya temô, taolô ya mofero le disenyi, nako ya tshêlô le thôbô.
Direkoto tsa tlhagiso ya leruo
Tshedimosetso yotlhe e e amanang le temôthuo ya leruo e tshwanetse go akaretswa fano. Dikai ke phepô, seêlô sa melemo, tlhwatlhwa ya papatso le direkoto tsa phologolo nngwe le nngwe tse di jaaka tlhagiso ya mašwi, direkoto tsa tsalô, tlhagiso ya boboa, bokete jwa motsi wa kgwesô le dikoketsego tsa bokete jwa mmele.
Dipalo tsa kwa ntlheng le tsa kwa bokhutlong tsa leruo di tshwanetse go kokoanngwa goya ka dingwaga le bong jwa lona, sekai, dipoo, dinamagadi le meroba ya bogolo jwa ngwaga goya go di le pedi.
Direkoto tsa bodiri
Ditema tsa bodiri jaaka dikonteraka tsa bodiredi tsa badiri, dituelo tse di bonweng, dikabô, ditlhwatlhwa tsa boitekanelo le diphimola-keledi di gatisiwa mo direkotong tsa bodiri. Dilwana tse dingwe tse di tshwanetsweng ke go akaretswa ke palo ya badiri, madi-kadimo, dikoloto, malatsi a boikhutso le bolôfa.
Direkoto tsa metšhine
Tshedimosetso ka ga metšhine e akaretswa mo direkotong tsa metšhine mme e tshwanetse go akaretsa dintlha tse di jaaka mofuta wa model, dingwaga, boleng jwa mo bukeng, dipaakanyo, direkoto tsa tlhatlhobo-paakanyo, diura tsa tiro le insurance.

Translated by Nchema Rapoo