Dintsi

© Marinda Louw

Ntle le go seleka, dintsi e ka nna ditshwari tsa malwetse mme di ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo boitekanelong jwa diphologolo, bogolo-segolo kwa mafelong a ntshô-tlhagisô kwa gone diphologolo di tsholwang di pitlagane teng. Diteko di supile fa dikgomo tsa lebese di latlhegelwa ke magareng ga metsotso e le 25 go ya go diura di le tlhano tsa nako ya go ja ka ntlha ya go selekwa ke dintsi.

Taolô

©Rykie Visser - Agrinet
Mokgwa o o siameng wa go samagana le dintsi ke wa lenanêô la taolô e e gokaganeng, moo mekgwa e e farologaneng e diriswang go totana le dintsi mo dikgatong tse di farologaneng tsa kgolô. Maikaelelo a lenanêô ke go tshwara palo ya dintsi e le kwa tlase. Maele a le matlhano a mekgwa ya go beya palo ya dintsi leitlho ke ano:
Santlha, fokotsa palo ya dibokwana le mae ka go totana le mafelo ao dintsi di ka tsadisang mo go ona. Dintsi di rata go tsadisa mo mosuteleng le mo didirong tse dingwe tse di bodileng, ka jalo go botlhokwa go tshola mafelo a diphologolo le a ntshô-tlhagisô a le phepa. Diphologolo tse di lwalang le tse di nang le dinthô di tshwanetse go alafiwa ka bonako gore dintsi di di katoge le gore di se tshwaetsege gape. Diphologolo tse di suleng di tshwanetse go ntshiwa mo lefelong la ntshô-tlhagisô ka bonako jo bo kgonegang mme di nyelediwe ka mokgwa o o phepa. Di tshwanetse go fiswa kgotsa go epelwa.
Lefelo la ntshô-tlhagisô le tshwanetse go phepafatswa nako le nako mme mosutele, matlakala, moalô o o leswe, dijo tse di weleng le mae a a thubegileng, fa o le morui wa thuonong, di tshwanetse go laolwa ka tolamô. Fa diphologolo di sa fetse dijo, fokotsa dijo gore go se nne le tse di salelang dintsi.
Mosutele, matlakala le moalô di siametse go dira motshotelô, fela motshotelô o tshwanetse go laolwa ka tolamô go thibela go ngôka dintsi. Lefelo la motshotelô ka keletso le tshwanetse go nna kgakajana le lefelo la ntshô-tlhagisô.

©Shem Compion
Sabobedi, tlhagô ke tsala ya gago. Motlhwa le dikhukhunwa dingwe di iphepa ka mae a dintsi le dibokwana, fa tshika nngwe ya mofu e beela mae mo teng ga khwena. Manaba ano a tlhagô a ka gololelwa mo lefelong la ntshô-tlhagisô gangwe le gape mo ngwageng mme a thusa thata fa dintsi di setse di sa tlhole di kgonwa ke mekgwa ya taolô ka khemikhale. Fela ke mokgwa wa tlhwatlhwa-godimo mme gantsi manaba ano ga a teng ka bontsi fa o a tlhoka. Ka jalo ga go a tshwanelwa go dirisa mokgwa ono ka bonosi.

©Marinda Louw
Saboraro, dirisa dirai le dikobi. Serare sa pampiri ya dintsi e e kgomarelang se dira tiro e ntle ya go fokotsa palo ya dintsi fa se diriswa ka mo gare ga ntlo ya diphologolo, fa serai sa dintsi sa sejaretsibotlhole se dira tiro e ntle ya go tshwara dintsi kwa ntle. Bothata bo le nosi jwa serai sa dintsi sa sejaretsibotlhole ke gore se nkga bosula. Dintsi ga di rate mafelo a a lefifi, gantsi di fitlhelwa mo mafelong a a nang le letsatsi ka mo ntlong ya diphologolo. Barui bangwe ba dirisa matlhare mo marulelong go fokotsa lesedi. Diphologolo le tsona di tla itumelela moriti o montsinyana fa go le mogote. Barui bangwe ba jala ditlhatshana tsa mere go dikologa lefelo la ntsho-tlhagiso kgotsa ba dirisa dioli tse di kgethegileng go koba dintsi.

Sabone, dirisa mekgwa ya taolô ka khemikhale sentle. Taolô ka khemikhale e dira sentle fa e dirwa ka tsela e e siameng le go ya ka ditaelo. Tiriso ka tsela e e sa siamang ga e kotsi fela mo boitekanelong, fela e ka baka gore dintsi di sa tlhole di angwa khemikhale eo. Dibolaya-ditshidinyana tsa sešeng di tshwanetse go diriswa, ka fa di bolokesegile, di totile mme ka kakaretso di siametse tikologo go feta tsa kgale tsa organophosphate kgotsa DDT.
Go na le dibolaya-ditshidinyana tse di totanang le dintsi kgotsa dibokwana, tse di ka diriswang mo diphologolong kgotsa mo lefelong la diphologolo. Dingwe tsa dibolaya-ditshidinyana tseno di na le dijaretsi tse di ngokelang dintsi.
Dipatlisiso di supile fa 40 go ya go 60% ya bothata jwa dintsi bo ka fediswa ka go totana le tsona fa e santse e le dibokwana.
Sabotlhano, e dire porojeke ya baagi. Ga go kgathalasege gore lenanêô la gago la taolô ya dintsi le siame go le kana kang, ga le kitla le re sepe fa baagisani ba gago ba sa ele tlhoko palo ya dintsi mo polaseng kgotsa felothuo ga bona. Go dira mmogo go botoka ebile go somarela madi gona le go dira o le nosi.

Translated by Ike Ngobeni