Cuttlefish

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Cuttlefish

Leina la Mophato

Inkfish

Leina la Maranyane

Sepiida

Semeto

E ka nna 1 m

Ponalo

Mmele o kgolokwe ba lee o o nang le megatlana e e elelang boleele ba mmele wa tsone. Matsogo a robedi le dithentikele tse pedi tse di dirisetswang go di thusa go ja. Matlho a magolo a a nang le dithaka tsa sebopego sa ‘W’. Mmala wa tsone o a farologana ka go di dirisa mmala wa tsone go iphitlha mo tikologong e e tlabong e le mo go yone.

Dikitsiso

Tlhamagano ya dibopiwa tsa Sepiida e wela ka fa tlase ga mophato wa Cephalopoda o o akaretsang di’octopus, squid le nautilus. Ba bantsi ba dira phoso ya go ditshwantshanya le squids (Tse eleng gore ga di na dithaka la leitlho ya sebopego sa ‘W’ mme di dinnye). Di na le lerapo ka fa gare le le bidiwang ‘cuttlebone’ le le dirisetsiwang go dithusa go koobala mo metsing (buoyancy). di kgona go tsamaya ka lebelo mo metsing. fa di ka tshosediwa di ntsha enke ya mmala go itshireletsa. Di beela mae ka fa tlase ga mafika kgotsa mo ditlhogong tsa coral.

Dijo

E fepa ka ditlhapi le di’crustaceans.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Giant cuttlefish - Sepia apama
Mourning cuttlefish - Sepia plangon
Needle cuttlefish - Sepia aculeata