Boxfish

© Johan Boshoff

Leina

Boxfish (Ostraciidae)

Bogolo

Boxfish e ka fitlhelela go boleele jwa 60 cm.

Tshupo

Boxfish ga ena maphuka a pelvic mme e thuma ka go dirisa maphuka a pectoral. Molomo wa tsona o mnnye ebile o a felela. Popego ya makakapa a sebopego sa matlhakore a marataro a a kopanngwang mo logapeng lo lo tiileng lwa sebopego sa khutlonne, e apesa mebele ya tsona, mme e laolwa metsamao ya tsona. Di farologana ka mmala fela ka bontsi ke ya phêthêne ya lemêpê.

Kitso-kakaretso

Boxfish e wela mo lolapeng lwa Ostraciidae lo lo nang le ditlhopha dile 14 le mefuta ele 37. Setlhopha sengwe, se se bitswang Lactophyrus, se ntsha botlhole ka letlalo la sona. Ke bathumi ba ba bonya fela di thuma ka lobelo fa di tshogile kgotsa di le mo kotsing. Leina la yona la bonetetshi le kaya ‘logapa’ ka seGreek, mme ke tshika ya pufferfish le cowfish. Tse di santseng di gola di kgolokwe ka popego mme di mebalabala. Di beela mae mo lewatleng.

Phepô

Boxfish e iphepa ka crustaceans, sponges, sea squirts, soft corals, diboko le bolêlê.

Phasalalo

Di fitlhelwa mo mawatleng go ralala lefatshe a dithemphoritšhara tse di magareng le a kwa kgaolong ya tropic.