Botshelo jwa Letsatsi le Letsatsi jwa MaZulu

Tlwaelo ya Letsatsi le Letsatsi

©Dr Peter Magubane

Mo nakong e e fetileng, botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa mo bonnong jwa MaZulu (umuzi) bo ne bo latelwa ke e ka nnang tlwaelo. Pharologano e e bonalang e e dirilwe go ya ka bong, dingwaga le boemo. Basimane ba bannye ba ne ba rwala maikarabelo a go isa dikgomo kwa ntle mo masimong go fula mo nageng; basetsana, ba ne ba ka nna ka bobona kgotsa le bommabo ba ya nokeng go rwala metsi.

Ka jalo bana ba MaZulu ba ne ba bontshiwa tlhago mo bonnyaneng, go tsenya tlhaloganyo e e boteng e e tswelelang le go amega maikutlo ka ga tikologo ya bona e ba neng ba tshela mo go yona. Morago ga difitlholo, gantsi tse di neng di tsholwa mo bogareng jwa moso, basadi ba ne ba itira matlhagatlhaga ka go feela, go phepafatsa dipitsa le go dira ditiro tse dingwe tsa selegae. 

Ka selemo, mo tshimologong ya letsatsi fa bo ne go sa ntse go le tsiditsana, ba ne ba tla ya kwa ditshimong go ntsha mefero mo dijalogn tsa bona. Mo mosong wa kwa moragonyana basimane ba badisa ba tla boa le dikgomo tse di neng di tla gamiwa mo lesakeng la dikgomo. Morago ga go gama, dijo tsa ntlha di ne di jewa. Go apaya go ne go dirwa mo sebesetsong mo teng ga bonno mo pitseng e kgolo (ikhanzi).

Go tloga foo, jaaka gompieno, amasi (ditšhiusi tsa mašwi) a ne a bopa karolo e e botlhokwa ya phepo: e ne e jewa e ka nna ka boyona kgotsa e kopantswe le bupi jwa mmidi kgotsa merogo. Go fitlhela mo letsatsing leno, sejosegolo se sengwe, bupi jwa mmidi, bo tlhagisiwa kwa mannong a mangwe ka go tse dingwe ka go sila mmidi ka maatla magareng ga matlapa a le mabedi.

Banna ba ne ba sena seabe mo ditirong tsa legae mme ba ne ba dirisia nako ya bona e ntsi ka go tsenela dikopano mo iband/a (kwa kgotlatshekelo ya kgosi), se se neng sa amogelwa ke setheo se se ka fa tlase ga ditlhare tse di kwa ntle ga umuzi, kgotsa a dira tiro ya poraefete, jaaka go baakanya dithebe tsa bona kgotsa go dira ka matlalo. Basadi ba ne ba, mme ba santse ba, ba nang le maikarabelo a go dira magogo le dipheta, tseo ba ithutileng go tswa go bommabona. Go dira dijana ka mmopa ke botaki ba bokgoni bo bo dirwa ke ba le mmalwa fela.

Tiriso legong e dirwa ke banna, bao ka gale ba dirang ka go khethegile ka go dira dilo tse di rileng, jaaka maswana, dijana tsa nama, dikgamelo tsa mašwi, tse di neng di takiwa go tswa bonalang go tswa mo dikarolo tse di tiileng tsa dikgong. Ga go santse go na le bataki bape ba ba santseng ba dira ditshegetso tsa tlhogo ka gonne batho jaanong ba tlhopa go dirisa mesamo.

Go dira ka tshipi e ne e le tiro e e kgethegileng, ka setso e ne e dirwa mo sephiring mme go le gantsi e ne e reboletswe maloko a banna a lelapa le le lengwe fela. Dilo tse dikgolo tse di neng di dirwa e ne e le dipetlwana tsa go lema masimo, le magare a marumo, le dibetsa tse dikgolo tsa ntwa. Go tswa ka bo1830, motswedi o mogolo wa tshipi e ne e le ka kgwebisano le Baesemane le Mapotokisi.

Morumo, lesela, porase le ditlhobolo di ne do fetolelwa ka aefori, badiri, matlalo le dikgomo. Kgwebisano e e feleditse mo mathateng a ka bonako a bokgoni ba go nyerolosa tshipi, jaaka fa e diriwa bonolo, mme tshipi ya bolegn bo bo kwa tlase, e e so nyerolosiweng e tsweletse go nna teng go tswa mo bagwebing ba ba neng ba feta.

Translated by Lawrence Ndou