Black Stork

© Nigel J Dennis
Black Stork.

Dijo

Diamusi tse di nnye, digagabi, shellfish le distshenekegi le fa ele gore tlhapi ke yone e jewang ka bontsi.

Breeding

Ngwana wa Black Stork o tswa a aparetswe ke bosweu go ya kwa tlase fa a na ke nko e serolwana kgotsa serolwana jo bo mmala wa lephutshe. Bontsi ba tsone di boleele jo bo tshwanang fa tse di thubegang morago kgotsa di ne di lwala di ka nna dikhutshwanyane. Tse di leng bokoa di ka itshwela mme tsa latlhelwa kwa fatshe. Kwa tshimologong dinonyane tse dinnye di bokowa ebile di palelwa ke go nna sentle. Ka nako e di ka nna le mafofa, di nne modumo le dikgoka bogolosetona ga mongwe a ka atumela sentlhaga sa tsone. Mafofa a tsoe a gola ka pele fa di nna malatsi a le 46-50 e be di nna ditona, mme ka nako e mmala wa tsone o bontsho, e bile ga o kganye, maoto a tsone a botala le boshibidu.
Bana ba tlogela sentlhaga morago ga malatsi a le 60-66. Dinonyane tse dithubilweng mmogo di godisiwa ngwaga e ngwe le engwe. Kwa tshimologong bana ba fepiwa ka go tsennywa dijo mo ganong, morago baitsela tsone mo molomong wa motsadi le fa sentlhageng. Dijo tsa tsone di ka farologana: ditlhapi tse dinnye, digwagwa, mekgantsitswane, magotlo, voles, shrew, liste bird(bogolosetona dinonyane tse di thubegelang fa fatshe), ditshenekegi tse di nnang mo metsing. Tse dinye di ka ja mollusca, ditshenekegi tse ditona tse dinnang mo ditlhageng, moss le mo metsing. Ga di setse di godile, lelapa le tlogela sentlhaga go ya go batla dijo kwa mafelong a a leng kgakala le seno.

Phudugo

Di simolola go fuduga ka Lwetse.

Bonno

Go seng jaaka White Stock, e e leng nonyane ya kwa magaeng ledi-steppes, Black Stock ke sebopiwa sa kwa nageng. Di rata sekgwa se se didimetseng kwa di agang setlhaga sa yone mo setlhareng se se tona, gantsi fa thoko ga lefelo le le apogileng(slopes, le clear forests). kwa ditsomelang teng go na le dinokana, mekadida, di-meadows, ka dijalo tse di kwa tlase. Balekani ba nna ba arogantswe ke dikilometara dile mmalwa.

Di ka bonwa kwa kae

Kwa mafelong a a le kwa borwa jwa Afrika le mafelo a mangwe a Europe.

Leina la Selatini

Liconia Nigra.