Baithuti kwa University of Cape Town Ba Tsaya Karolo Mo Lenanêông la ‘Golola Mandela’

© Dr Peter Magubane
Baithuti ba University of Cape Town ba tsaya karolo mo lengweng la manaane a ditshupetsong a le mantsi a “Golola Mandela” a a tshwerweng ka bo-1980.
Megwanto ya baithuti ya ‘Golola Mandela’ kwa University of Cape Town (UCT) ka dingwaga tsa bo-1980 e ne e le karolo e e botlhokwa ya mokgatlho-tsamao wa kgololosego mo Afrika Borwa, ba dira ditshupetso kgatlhanong le go golegwa ga mogolegwa wa sepolotiki Nelson Mandela kwa Robben Island. Baithuti ba University of Cape Town ba ne ba kopana, go sa kgathalasege dipharologanyô tsa bona tsa mmala le setso, go lopa setšhaba go dira sengwe go tlamparela kgololosego le tekatekanô ya botlhe.
University of Cape Town e ne e itsagale jaaka yunibesithi e e nang le tetlelelô ka motsi wa tlhaolele, e amogela baithuti ba bantsho go ka ithuta kwa go yona le go ikgatholosa molao wa Group Area Act ka go ba letla go dula lwa marobalong a a mo teng ga yunibesithi. Baithuti ba UCT ba ne ka gale ba ema kgatlhanong le tonakgolo ya maloba PW Botha, melao ya gagwe e e gatelelang le maemô a tshoganyetso a Afrika Borwa e neng e le mo go ona. Baithuti gotswa merafeng le ditsong tse di farologaneng ba ne ba kokoana mo matsenong a yunibesithi le go dira ditshupetso tsa kagiso kgatlhanong le tlhaolele, melao e e gatelelalang le go golegwa ga Nelson Mandela.
Megwanto gantsi e ne e kgatlhana le tsênêlêlô ka sepodisi mme baithuti ba tshwanelwa ke go itshireletsa kgatlhanong le go betswa ke sepodisi ka disampoko mme ba phatlhalale fa sepodisi se fitlha. Mo mabakeng a le mantsi, megwanto e ne e rulagantswe go nna e e kagiso le go supa phatlhalatsa tumelo ya baithuti mo kgololosegong, tekatekanô ya ditshwanelo le bokhutlô jwa tlhaolele.

“Ga nke ke latlhegelwa. Ke a fenya kgotsa ke a ithuta.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more