Winnie Mandela a Iletswa le go Tlhorontshwa

O Tshoseditswe ke Sepodisi

©Eric Miller
1960 le 1961 di tlisitse boitumelo go Winnie ka botsalo jwa ngwana wa gagwe wa bobedi, Zindziswa, le tshwetso ya monna wa gagwe, Nelson Mandela ya go se bonwe molato wa Tshekong ya Go Senyetsa puso e e simolotseng ka 1956. Boitumelo ba gagwe bo ne bo le bokhutshwane. Nelson o ne a patelediwa go ya boiphitlhong, se se fetotseng botsalano jwa bone mo go gakgamatsang. Jaanong o ne a tshwanetse go kopana le monna wa gagwe ka fa tlase ga iphitlho e e bokete mo mafelong a fitlhegileng, go tsena mo ditirong tsa gagwe tsa sephiri le fa e le gore a o rata kgotsa a sa rate. Ka Mopitlwe 1961 Nelson o ne a lemogiwa mme a isiwa kwa tlhatlhelong ya sepodisi. Nako e Nelson o ne a ka se gololwa go fitlha dingwaga di le 27 tse di tlang.
Go bonela pele gore Winnie o tla tsweletsa tiro ya mogatse kgatlhanong le puso, sepodisi se ne sa mo neela taelo ya kiletso ka 1962. Ka fa tlase ga taelo ya kiletso Winnie o ne a tswalelwa fela kwa Johannesburg mme a ganetswa go tswa mo mo ditheong tsa thuto kgotsa go tsenela dikopano tse fetang batho ba le babedi. Mafelo a bobegakgang le one a e a ileditswe go phasalatsa sengwe le sengwe se a neng a se bolela. O ne tlhorontshwa ka go sa kagotse ke sepodisi ba ba neng ba leka go mo tshosetsa ka diphuruphutsho tse di bogale tse di fetoletseng ntlo ya gagwe go tswa kwa godimo ga ya kwa tlase. Winnie o tlhalosa diphuruphutsho jaana:
“…Go kokota gole mo bogareng ba bosigo fa dilo tsotlhe ka ga gaga gi didimetse. Se se raya gore maboe a le a fatlhanga a phatsimisiwa ka nako e le nngwe ka lefensetere lengwe le lengwe la ntlo ya gago pele ga kgoro e bulwa ka go ragiwa. Go raya gore tshwanelo e e kgethegileng ya lephata la tshireletso ya go buisa nngwe le nngwe ya lekwalo le le mo ntlong. Go raya gore fa buisiwa buka nngwe le nngwe mo dirakeng tsa gago, go emisa dimmetshe, go lebelela ka fa tlase ga malao, go emisa bana ba ba robetseng, go tswa mo malaong le go lebelela ka fa tlase ga dišiti. Go raya go latswa sukiri ya gago, bopi ba gago le nngwe le nngwe ya ditswaki mo dirakeng tsa boapeelong. Ba phuthulola diaparo tsotlhe tsa gago mme ba tsena mo kgetsaneng nngwe le nngwe. Kwa bofelong go raya gore o a tsewa mo mesong, o gogiwa go tswa mo baneng ba gago ba ba goeleditseng ba ikakatletseng ka sekete sa gago, ba rapela monna wa mosweu o a gogang Mmabona gore a mo tlogele a le esi.”

Ditaelo tsa Kiletso e e Boitshegang

©Eric Miller
Ka Motsheganong 1963 Nelson Mandela o ne a fetisediwa kwa kgolegelong go sa akanywa go iswa kwa kgolegelong ya kwa Setlhakatlhakeng sa Robben.
Se se ne se le bokete thata mo go Winnie. Go mo etela o ne a tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le 1 400 go tswa kwa Johannesburg go ya kwa Motse Kapa le go dirisa mokoro go tsamaya dikilometara di le 10 go jone jotlhe.
Kwa tshimologong, o ne a letleletswe go bona Nelson metsotso e le 30 fela, ba emem ka fa matlhakoreng ka bobedi a terata. Basireletse ba ne ba eme fa gaufi ka go lekana e le gore ba kgone go ba utlwa mme ba letleletswe go bua fela ka Seesimane kgotsa ka Seaforikanse.
Winnie o ne a neelwa taelo e e botlhoko ya kiletso ka 1965. E e ne e mo ganela go tsamaela gongwe le gongwe kwa ntle kwa Orlando Bophirima. O ne a tshwanelwa ke go ineela tiro ya gagwe jaaka modiredi loago mme a kgaratlhela go bona e ntšhwa mme sepodisi se ne sa tshosetsa mongwe le mongwe yo a ka mo nayang tiro.
Sepodisi gape se ne sa tsenelela thata mo thutong ya basetsana ba gagwe ba ba neng ba gapeletsega go tsena sekolo le sekolo kwa pele ga Winnie a ba isa sekolong kwa Swatsing.

Translated by Lawrence Ndou