Wild Dagga
Motalane wa naga

© Roger de la Harpe

Leina

Motalane wa naga, Wild Dagga or Lions Tail

Leina la se Latini

Leonotis leonurus

Ponalo

Wild Dagga ke setlhatsana se se golang ka botelele, mme ga se mele ka bontsi. Se na le thito dile nne tse di tse di leng ‘square ka di-cross-sections. Matlarana a sone a tlhagella ka bobedi, a ka nna bosesanyane, a nne bophara mme a nne, di kgutlo-nne kwa magareng, mme gantsi di na le bodowanyana. Dithunya tsa sone di tshwarelletswe ke ditlhogo tse di kitlaneng, tsa selekano sa kgwele ya golofo (golfball sized heads) a a tshegeditseng malomo a a lethompa ka mmala wa lephutshe. A dikarolo tse pedi o kare melomo, o mongwe kwa godimo o o thutelang stameta le o mongwe o monnyenyana kwa tlase.
Di-Sunbird di rata go atumela mo go tsone mme di fepe ka tswine ya dithunya tse. Sejalo se se thunya magareng ga paka ya selemo le letlhabula. Le fa e le gore sejalo se se bidiwa motalane kgotsa motekwane wa naga, matlhare a sone ga a dirisewe jaaka motekwane o o tlwaelegileng ka one a tla tshubiwa fela go fudisa malwetse a a rileng.

Bonno

Motalane wa naga o gola mo mafelong a a tletseng ditlhaga, fa mono Afrika Borwa o ka e fitlhela kwa Limpopo Province le kwa Kruger National Park.

Di-Field Notes

Sejalo se se na le boleng ba ditiriso tsa kalafi, mme merafe e le mmalwa e se dirisetsa go phekola malwetse a tshwana le matlhoko a mmele, le go fodisa mofikela, jalo le jalo. Go itsewe fa e kgona go thusa balwetse ba Type 2 Diabetes, Epilepsy, Hemorrhoids le constipation (go ngakiwa).