Weeping Boer Bean
Molope

© Roger de la Harpe

Leina

Molope [Schotia brachypetala]

Maina a mangwe

Huilboerboon, Tree Fuchsia le African Walnut

Matseno

Bontle jwa dithunya bo mo matlhareng a sepal, monônô wa modula le dikalana tsa sethunya tseo di nang le mmala o o galalelang. Dithunya di tswa matute a le mantsi tota, a a tshologang le go rotha kgotsa ‘weeps’ go tswa mo dithunyeng mme seno e katswa e le mo leina la tlwaelo la setlhare se le tswang fa teng, Weeping Boer-bean kgotsa Huilboerboon ka SeAfrikaans.

Thanololo

Molope ke setlhare se sentle se se golo ka korone e e golang ka go anama e le kgolokwe ka dikala tse di kitlaneng. O na le kutu e le nngwe e nako dingwe e melang dikala kwa tlase. Ditlhare di ka fitlhelela boleele jwa 22m, mme ka tlwaelo di gola boleele jwa 11 go ya go 16m ka bophara jwa 10 go ya go 15m. Lekwati le magwatata ka mmala o o borokwa kgotsa borokwanapududu. Matlhare a na le matlhatshana, ka para tse 4 go ya go 6 tsa matlhatshana, lengwe le lengwe le makhubunyana ka sebopego.
Matlhare a khibitshwana go ya go mmala wa koporo fa a le maša, mme a fetogele go botala jo bo sedifetseng le go nna botala jo bo fifetseng mme bo tshutshuma fa a gola. Mo dikgaolong tse di bothitho tse di senang segagane, setlhare seno ke motalafalelaruri, fela mo dikgaolong tse di marutshwana se a tlhotlhorega, se latlhegelwa ke matlhare nakwana ka mariga go fitlha dikgakologo.

Dithunya

Dithunya di mmala o o bohibidu jo bo tseneletseng, mme di tlhoga ka bontsi ka dingatana tse di kitlaneng go tswa mo logong le le godileng ka dikgakologo (Phatwe go fitlha Ngwanatsele). Nako ya go thunya ga e a tsepama ka gonne setlhare se se thuntseng se ka nna dimitara di le mmalwa fela go tswa mo go se se senang sesupô sa go thunya. Go tlhoka tsepamo gono go na le boleng go dinonyane tse di iphepang ka matute, mme go dira gore setlha sa phepo se nne se telele.

Leungo

Leungo ke sephotlwa se se thata se le sephaphathi mme o kare logong, ka mmala wa borokwa jo bo tseneletseng, sena le dithôtse tse di borokwa jo bo thuntseng ka bogare jwa 20mm mme di na le letlapi le le serolwana se se bonalang. Diphotlwa di phatlhogela mo setlhareng, mme di ungwa thari ka selemo go ya go letlhabula (Tlhakole go ya go Motsheganong).

Ditiriso

Molope o gogela bontsi jo bo farologaneng jwa dinonyane, diphologolo le ditshenyekegi mme ke lesukasuke la tlhanatlhana fa o thuntse. Dinonyane tse di iphepang ka matute, tota-tota senwabolôpe, dinotshi le ditshenyekegi di iphepa ka matute. Dinonyane tse di jang ditshenyekegi di iphepa ka ditshenyekegi tse di gogelwang ke dithunya. Magodile, dikgabo le ditshwene di ja dithunya, dikgabo di ja dithôtse, dinonyane di ja letlapi la dithôtse fa matlhare a fulwa ke diphologolo, mme tshukudu e ntsho e ja legwati. Tshukudu e ntsho e solofelwa go etela setlhare seno fela kwa dirapeng tsa diphologolo.
Molope ga se fela setlhare se se siametseng go dira dibaga, o na gape le ditiriso dingwe di le mmalwa. Metsi a lekwati le bediseditsweng mo go ona a nowa go alafa lesokolela le papalase. Metswako ya lekwati le medi e dirisetswa go nonofatsa mmele le go tlhatswa madi, go alafa malwetse a pelo le letsholola, mmogo le sauna ya sefatlhego. Dithôtse di a jega morago ga go besiwa, mme le fa di sena mafura le protein tse kalo di ungwile ka carbohydrate. Go kaiwa fa batho ba maleme a Bantu le bathibeledi ba metlheng go tswa Yuropa mmogo le balemirui ba ne ba besa diphotlwa mme ba je dithôtse, seno ba se ithutile mo Basarweng.
Lekwati le ka diriswa mo phetolommaleng, go fana ka mmala o o borokwa-khibidu kgotsa o mohibidu. Kota ke ya boleng jo bo siameng, e siametse go dira fenetšhara. Logong-ntle lo bosetlha jo bo pinkinyana mme ga lo thata ntle fela fa lo ka treat-iwa. Logong-teng lo mmala o o tseneletseng wa walnut, gaufi le go nna ntsho, lo thata mme lo boketenyana ebile ga lo jewe ke motlhwa, le na le kutlotshwaro e e borethe mme le diriswa thata mo fenetšhareng le moalo wa ntlo. Lo kaiwa gape lo siametse go dira mefuta yotlhe ya logong lwa kariki ya dipitse mme lone lo batliwa ka bontsi go dira logong lwa mariki a kariki.

Tulo

Melopo e fitlhelwa kwa tikologong tsa bogodimo jo bo tlase go tloga kwa Umtata kwa Kapa Botlhaba, go ralala KwaZulu-Natal, Swaziland, Mpumalanga, Profense ya Bokone go tsenelela ka Mozambique le Zimbabwe.

Leina La Se-Latin

Schotia brachypetala.
Mo leineng le, brachypetala e raya gore ‘go nna le petal e khutshwane’ ka Segerika, mme seno se kaya dithunya, tse di tshwanang di le esi mo tshikeng ya Schotia ka ge di petals tsa ona di fetogile go nna di filaments ka bontsi kgotsa gotlhelele.