UNESCO le Kgolokwe ya kwa Vredefort

© David Fleminger

Ke eng Kgolokwe ya kwa Vredefort?

Ka jalo, ke eng Kgolokwe ya kwa Vredefort le gore goreng e le botlhokwa mo go lekaneng go goelediwa jaaka Lefelo la Ngwaoboswa mo Lefatsheng? Le gale, ntlha ke eno. Mo dingwageng tse dibilione tse 2 tse di fetileng (ke bilione ka gore dimilione di le 1000) go ne go na le tiragalo ya matlhotlhapelo fela kwa ntle ga motse wa ga jaana wa Vredefort, mo Foreisetata.
Naledi e e mogatla e kgolo thata e ka lekanyetsang fa gare ga dikhilometara di le 10 le 15 go ralala e thutse mo mmung, mme ya tlhola tshenyo e e ka se akanngweng le tlhakatlhakano.
Fa lorole lotlhe lo nna sentle, khuti e e lekanyetsang magareng ga dikhilometara di le 200 le 300 kilometers ka molagare e ne ya tlogelwa kwa morago, e atologa go tswa kwa Welkom mo borwabophirima go ya kwa Pretoria kwa bokonebotlhaba. Mo gare ga khuti e ne e le tsholetso e e bonalang – e e jaaka phatšhakanya-morago e o e bonang fa o weditse letlapana le le borethe mo mogobeng.
Tsholetso eno, kwa tshimologong e lekanyetsa dikhimetara di le 100km bophara, ke Kgolokwe ya kwa Vredefort. Gompieno, bontsi jwa Kgolokwe e gogotswe kgotsa go khupetswa ke letlapa kgotsa dillaga tse di šwa tsa matlapa, mme go na le masalela a ‘Naga ya Thaba ya Kgokolokwe’ e e sa ntseng e ka bonwa mo e obegela toropong ya segompieno ya Parys.

Sebopego se Segolo se Gaisang Tsotlhe sa Thulo

Kgolokwe ya kwa Vredefort ke sebopego sa pele le go nna kgolo sa go gaisa tsotlhe mo Lefatsheng se se fitlhelwang go fitlha ga jaana. Go feta fao, thulo ka mmatota e fotoletse Lefatshe go tswa ka fa gare go ya kwa ntle mme ya gatelela dillaga tsa matlapa a ‘botlase’ a bogologolo tse di sa bonaleng gope mo polaneteng.
Mme go na le gontsi. Go fopholeditswe gore thulo ka botlalo e bolokile masaledi a gauta a neng a le teng mo matlapeng a sešweng a a fa boalogodimong, mme ka go dira jaalo e sireleditse ditshimo tsa gauta tsa kwa Witwatersrand ak ntlha ya dikokomana tsa isagwe.
Ka jalo, le fa e sa e e gakgamatsang jaaka Drakensberg kgotsa e e bonalang ka hisetori jaaka Setlhakatlhake sa Robben, naga ya thaba go dikologa Parys ke e e botlhokwa ya thutatlapa mo lefatsheng ka bophara.
Kgolokwe gape e gatelela seabe se se botlhokwa thata seo ditulo tsa dinaledi tsa megatla maatla di nnileng le sona mo tlhamong ya lefatshe la rona, le tlhagelelo ya dibopego tsa botshelo tse di tswelelang mo boalogodimong jwa lona.

Mosima o o Tlhodilweng ke Naledi e e Mogatla

Go ya ka Mokgatlho wa Dinaga Kopano wa tsa Thuto, tsa Saense le tsa Setso (UNESCO) ge ba e baya: “Kgolokwe ya Vredefort, dikhilometara tse di ka nnang 120 borwabophirima jwa Johannesburg, ke karolo ya kemedi ya bopego ya thulo ya naledi e e mogatla, kgotsa astrobleme.
Ya letlha la kwa morago la dingwaga tse dimilione tse 2,023 tse di fetileng, ke mosima o o tlhodilweng ke naledi e e mogatla ya bogologolo go gaisa e fitlhelwang mo lefatsheng go fitlha ga jaana. Ka bogolo jwa dikhilometara tse di 190, gape ke e e boteng go gaisa mme e e gogotsweng go gaisa.
Kgolokwe ya kwa Vredefort e neela bopaki jwa tiragalo e kgolo go gaisa ya kgololo ya maatla e le nngwe mo lefatsheng, mme e e tlhodileng phetogo ya lefatshe e e sentseng, go akarediwa, go ya ka go borasaense ba bangwe, diphetogo tse dikgolo thata tsa iphetogelo. E neelana ka bopaki jo bo botlhokwa jwa hisetori ya thutatlapa ya lefatshe e bile e botlhokwa thata mo tlhaloganyong ya rona ya iphetogelo ya lefatshe.
Kwa ntle le botlhokwa jwa tsona mo hisetoring ya polanete, tiragalo ya thutatlapa mo boalogodimong jwa lefatshe bo dirile gore bosupi bo nyelele go tswa kwa mafelong a le mantsi a thulo mme Vredefort ke sekao se sekao se le sengwe fela mo lefatsheng go neelana ka tshedimosetso e e tletseng ya thutatlapa ya mosima o o tlhodilweng ke naledi e e mogatla ka fa tlase ga boalo jwa khuti”.

“Kgolokwe ya Vredefort ke ya bogologolo go gaisa, e e kgolo go gaisa le gonna lelapa le le gogotsweng go gaisa thata la popego ya thulo ya naledi e e mogatla mo lefatsheng. E na le boleng jo bo kwa godimo le dikarolo tse di fitlhelegang tsa thutatlapa (mafika) tse di bontshang mefuta e e farologaneng ya thutatlapa ya popego ya thulo ya naledi e e mogatla.
Boemophara jwa kwa magaeng le jwatlhago metseletsele wa thoto o thusa go supa bogolo jwa ditheo tsa tshekeledi di tlholwang ke thulo. Tlhagiso ya motseletsele e tsewa e le sekao sa kemedi ya motheo wa lapa la thulo ya naledi e e mogatla.
Tshekatsheko e e tseneletseng le ditheo tse dingwe tsa lelalapa la thulo ya naledi e e mogatla di supile gore ke sekao fela mo lefatsheng go se se neelanang ka popego ya botlalo ya thutatlapa ya mosima o o tlhadilweng ke naledi e e mogatla (setheo sa thulo) tse di ka fa tlase ga boalo jwa khuti, ka go kgontsha go dira patlisiso ka tshimologo le tlhagelelo ya mosima o o tlhodilweng ke naledi e e mogatla ka bonako morago ga thulo”.

Lefelo la Ngwaoboswa ya Lefatshe la Bosupa ya Aforika Borwa

Dimaka tsotlhe tsa thutatlapa di kopane di dirile Kgolokwe ya Vredefort Lefelo la Ngwaoboswa ya Bosetšhaba le go nna Lefelo la Ngawoboswa ya Lefatshe la Aforika Borwa la Bosupa. Kgaolo ya lefatshe e e botlhokwa ya Ngawoboswa ya Lefatshe e khupetsa diheketara tse di ka nnang 30 000, ka dikgaolo di le tharo tsa tlaleletso tsa thutatlapa e botlhokwa eo e ntseng kwa ntle ga kgaolo ya konokono.
Dikarolo tse tsa tlatseletso ke: di-stromatolite/lefelong le le kwa fatshe la phoso, lefelo la brecchia ya pilisi ya tšhokolete le lefelo la pseudotachylite (matikiring). Karolo e e botlhokwa ke dikaganyeditswe ke 5km ya karolo ya kemela, ya kgaolo yotlhe e e ka nnang dihektara tse di 70 000.

Kgoeletso ya UNESCO

UNESCO e ya naya, UNESCO e ka tsaya, le kgoeletso ya Mokgatlho wa Dinaga Kopano wa tsa Thuto, tsa Saense le tsa Setso (UNESCO) e na le maemo a a botlhokwa a le mmalwa a golagantsweng le yona. Ke nopotse tshwetso ya bofelo ya sekwalwa se se fa tlase, ka fa go kgatlha go lebelela thulaganyo ya Ngwaboswa ya Lefatshe lotlhe kwa tirong.
Se se tota se raya gore bannaleseabe ba ba farologaneng ba na le maikarabelo ao ba nang le ona a Kgolokwe go fitlha ka 2007go baakanya dilo tsa bona. Ke a netefatsa gore ba tla dira seno, mme go go kitla go nna bonolo jaaka go utlwala. Sa ntlha, lefelo le botlhokwa la Kgolokwe le elela go tswa kwa diporofenseng tsa Bokone Bophirima le Foreisetata, e nngwe le e nngwe e na le boto ya boyona ya bojanala, tekanyetsokabo le melao.
Gape e wela go kgabaganya mo dikgaolong tse 5 tse di farologaneng tsa bommasepala mme di akaretsa beng ba poraefete ba fetang 100, go akaretsa puso ya bosetšhaba. Go na le mefuta e le mebedi ya poloko e e dirang mo matlhakoreng a le mabedi a molelwane wa porofense a leka go tsweletsa le go boloka mafelo a tsona.

Go Swabiswa

Dikarogantsho tse tsa lekgolokwe di dira tlhaeletsano e nne thata mme e raragantsha thulaganyo ya go tsaya ditshwetso, ka gonne mongwe le mongwe o na le lenanetema le ditlapele tsa gagwe.
Le fa go le jalo, ke tshepa gore bannaleseabe ba ba farologaneng ba tla kgona go baya kwa thoko le bolatedi le go dira mmogo le baagi ba selegae go tlhoma bothati jwa tsamaiso, jo bo ka tsamaisang porojeke go isa kwa bofelong jo bo atlegileng.
Komiti ya UNESCO e umakilweng fa godimo e le ruri e ne ya etela lefelo kwa bokhutlong jwa Moranang 2008. Mme dilo di ne di sa go tsamaye jaaka go rulagantswe. Komiti ya tsamaiso e ne e wele; bannaleseabe ba ne ba ngangisana ka mekgwa ya ditogamaano tsa tlhabololo; lefelo le ne le so bolelelelwe go ya ka molao wa Aforika Borwa. E ne e le tshwabisonyana.

Dikgwetlho tse di Tshwanetseng go Fenngwa

Ka tumelo, go ne go na le dikgwetlho tse dintsi tse di tshwanetseng go fenngwa. Ditshwetso tse di rolaganeng di ne di dirwa ke bothati jwa porofense jo bo neng bo ntse kwa kgakala, kwa Mafikeng le Bloemfontein.
Go ne go na le dikgotlhang ka gore setheo sa baeng se tshwanetseng go nna gone, Vredefort kgotsa Venterskroon. Tlamelo e e bokoa ya mmasepala e tlhodile kgotlhang ya kgeleloleswe fa e dutlela kwa nokeng ya Lekwa. Beng ba bašwa ba lefatshe ba nnile kgatlhanong le molao wa ngwaoboswa ya bosetšhaba. Mme go ne go na le tlhaelo e e golofatsang ya pono e e tshwanang le boeteledipele jo bo siameng.
Mme o se ke wa boifa. Le fa ka nako ya go kwala, pegelo ya komiti e ne e ise e gololwe, go na le kotsi e nnye ya gore maemo a Kgolokwe a Ngwaoboswa ya Lefatshe gore a phimolwe.
UNESCO e ka betsa mabogo a le mmalwa mme go na le matshosetsi a bommele mo lefelong, bothati jwa tsamaiso bo bo šwa bo tlhomilwe le ditsamaiso tse di tokafetseng. Ke solofela gore Kgolokwe ya Vredefort e tla tswelela pele go nonofa.

Translated by Lawrence Ndou