Tshupô ya Dintsu

©Karl Svendsen
Dintsu le dinonyane tse dingwe tse di tsomang gantsi di latofatswa ka phoso mo polaong ya diruiwa tse nnye, ka ntlha ya gore di tlile go tswelela go iphepa ka phologolo e e suleng, go sa tshwane le thwane kgotsa phokoje tse di tlileng go iphitlha fa di utlwa modumo wa batho ba ba tlang. Fela dintsu ke diselasedi, ka jalo gantsi di iphepa ka diphologolo tse di suleng. Ka paka ya tsalô ya dikonyana, di ka emela namagadi go fetsa go tsala gore e selasele thari ya nku.
Verreaux (Aquila verreauxii) kgotsa dintsu tse ntsho go le gantsi di fitlhelwa go ikala le dithaba le dikarolo tse di majwe go ralala Afrika. Dinonyane tse di ntsho tseno di na le dinao tse di serolwana, molongwana o o motsu wa huku le V e tshweu mo mekokotlong le dirope tsa tsona. Dinonyane tse di godileng di boleele jwa 78 cm goya go 90 cm, ka tsharololo ya diphuka ya 181 cm goya go 219 cm. Di aga dintlhaga tsa tsona mo godimo ga majwe kgotsa mo mafikeng, mme para ya dintsu ele esi e dirisa sentlhaga sele sengwe dingwagangwaga.
Dintsu tsa ntwa (Polemaetus bellicosus) ke mofuta o mogolo wa dintsu mo Afrika, ka bontsi di fitlhelwa mo nageng e e bulegileng le dikgwa. Dintlhaga tsa tsona di akaretsa dipopego tsa dithupana tse di agilweng ka fa tlase ga borulêlô jwa ditlhare tse di telele.
Dinonyane tse di godileng di na le dikarolwana tsa bogodimo tse di borokwa le moêtsê o mokhutswane o o fifetseng. Dikarolwana tsa bokwatlase di tshweu ka dikôlô tse di borokwa le bontsho tse di atologelang kwa maotong a a mafofa. Molongwana o na le huku e e tiileng mme o montsho, fa menwana ya maoto ele bosetlha jo bo mmala wa loapi ka menala e e kobegileng. Dinonyane tse di godileng di boleele jwa 78 goya go 96 cm ka tsharologo ya diphuka e e farologanang magareng ga 188 goya go 260 cm.
Dipela (hyrax) di bopa 90% ya phepô ya ntsu ya Verreaux, fa mebutla, dipela, gopane le dinonyane tse di ruiwang di bopa bontsi jwa phepô ya ntsu ya ntwa.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Nigel Dennis
Dintsu tsa ntwa le tsa Verreaux ga se gantsi e nna matshosetsi go diruiwa tse di nnye. Fa ditshenyô di diragala, gantsi di tlabe di bakilwe ke dintsu tse di tswileng mo taolong tse di senang maitemogelo a go tsoma mme di tshwerwe ke tlala thata.
Mo lobakeng lo lo sa tlwaelegang lo mo go lona go nnang le tatlhegelô ya leruo, diphologolo tse di totwang e tlile go nna tse di nnye tse di sa feteng bokete jwa 5 kg. Ditsongwa ka jalo gantsi e tlile go nna dikgogo kgotsa dikonyana le dipotsane tse di bogolo jwa malatsi ale mmalwa fela. Barui ba dikgomo ga ba tlhoke go tshoswa ke dintsu ka ge namane e e sa tswang go tsalwa ele kgolo thata gore le ntsu e kgolo go gaisa e kgone go e tlhasela.
Dintsu di bolaya ka menala ya tsona, ka go itaya mo tlhogong kgotsa gantsi ka ngangatlelo e e repetlang mo molaleng kgotsa fa godimo ga mokwatla wa setsongwa. Diphatlhana tse di katoganeng ka go sa lekalekane mo letlalong kgotsa mo lerapong la tlhogo, tse di dikaganyeditsweng ke morurugo o mogolo ka fa tlase ga letlalo, ka jalo ke matshwao a gore ntsu e ka tswa e rwele maikarabelô a polaô.
Gopola gore matshwao a go ja ga se sesupo sa gore phologolo e bolailwe ke nonyane- tsumi. Fa di ja, dintsu di tlile go kuta bontsi jwa boboa. Gantsi di ja gotswa fela fa dirweng tsa fa pele, di tsamaela goya kwa tlhogong. Di tlile go ja makgwafo, pelo le dirwe tse dingwe, mme nako dingwe di goge mateng gotswa mo phatlheng e di I phuntsheng. Ka melongwana ya tsona, di tlile go tlotlonya nama gotswa mo gare ga marapo, di tlogele setoto se le phepa. Ga nke di kgagola lebota la mala.

Taolô

©Roger de la Harpe
Dintsu le dinonyane-tsumi ke ditshedi tse di sireleditsweng, ka jalo ga di a tshwanelwa ke go bolawa ka fa tlase ga mabaka afe kgotsa afe. Fa go ka pakwa gore ntsu e bolaile seruiwa, barui ba tshwanetse go golagana le bolaodi jwa tshomarelo-tlhagô jo bo gaufi kgotsa moitseanape go mo thusa go hudusa sesenyi seo.
Dintsu tsa ntwa le tsa Verrreaux ka bobedi di nna mo dikarolong ka bogolo, ka jalo go nna teng ga tsona go tlile go thusa go koba dintsu tse di tswileng mo taolong le dinonyane-tsumi mo kgaolong. Ka jalo go fa tlhogo go tlhokomela para ya felobodulo jwa gago.
Mekgwa-tsamaiso e e botlhale ya thuô e tshwanetse go ka diriswa go netefatsa gore dintsu ga di raêletsege go fetola gotswa mo ditsongweng tsa tsona tsa tlhagô goya go diruiwa tse di nnye. Balemirui ba ka dira seno ka go nna le palô e e kwa tlase ya paka ya tsalô ya dikonyana mo ngwageng, go letla tlhokomelo e e botoka ele bonolo ya dikonyana. Metlhape ya dikonyana ga e tshwanela go bewa gaufi le lefelo la dintlhaga, fela e nne gaufi le magae kgotsa lefelo le batho ba dirileng mo lona. Modisa le ene a ka thusa go sireletsa diphologotswana fa di tshwanetse go fula mo dikgaolong tse di kgakala. Dinamagadi tse di phuaganyang dikonyana di tshwanetswe ke go bolawa. Dikgogo di tshwanetse go bewa ka mo dihôkông.

Translated by Nchema Rapoo