SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedTshupô ya Cape Gull

Tshupô ya Cape Gull

©Karl Svendsen
Le fa di na le go rata ditlhapi, diboko, sikalookgopa, mae le dinonyane tse di nnye, Cape Gulls, Larus Vetula, di ka tlhasela gape diruiwa tse di nnye, tse di jaaka dinku le dinamane.
Cape Gull e rata go dula kwa dikgaolong tsa mabopo mme di na le dikarolwana tse di fa godimo tse di ntsho ka dikarolwana tse di ka fa tlase tse tshweu, di na le dikôlô tse tshweu mo ntlhaneng ya diphuka-kgolo, fa matlase a diphuka ale masweu ka bontsho gaufi le kwa bofelong jwa tsona. Bagolo ba na le matlho a a fifetseng le kôlô e e bohibidu jo bo sedifetseng mo ntlhaneng ya molongwana wa yona o o serolwana, o goya ka rabonetetshi wa mo-Dutch Niko Tinbergen, o tlotlonywang ke ditsuane fa di batla dijo.
Dinonyane tse di godileng di ka nna le tsharologo ya diphuka ya 128 cm go fitlha go 142 cm le bokete jwa 0,6 kg goya go 1,3 kg. Cape gulls ke dinonyane tse ka nako e kgolo di duelang fela mme di tshela mo setlhopheng se segolo kwa dikgaolong tsa lobopo. Ntle le kwa kgaolong ya Greater Cape Town, ga se gantsi di nna teng go feta di-kilometre di le mmalwa go tsenelela ka nagagare. Dinonyane tsa bogolo jwa go feta dingwaga di le 24 di gatisitswe, ga mmogo le dinonyane tse di fofileng sekgala se se fetang 1 211 km gotswa mo lefelong la tsona la sentlhaga, le fa gantsi di boela kwa ditlhopheng tse di tsaletsweng mo go tsona.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Roger de la Harpe
Gantsi di kokoana mmogo kwa mafelong a phepô a a tumileng, fela di itsagale gape ka go tlhasela setsongwa ka mogoso, gantsi di lata matlho a setsongwa pele. Mokgwa wa tsona wa phepô o tshwana le wa magakabe, mme setoto se di se tlhasetseng gantsi se nna le diphatlha mo matlhong, molomong, tharing kgotsa moteteng.

Taolô

©Karl Svendsen
Seagull ke setshedi se se sireleditsweng, ka jalo balemirui ba tlhoka lekwalotetla go ka di laola. Fela go thibela ditshenyô, go botlhale go fokotsa go nna teng ga metswedi ya dijo, ka mokgwa-tiriso o o tokafetseng wa taolô ya matlakala. Meteme ya matlakala e tshwanetse go tswalela, difepi tsa dinonyane di tshwanetse go sutisiwa mme ditshodi tsa dijo tsa dintša di tshwanetse go beelwa kwa thoko.
Dikobi tsa modumo le tsa ponô, jaaka reflector kgotsa ditshosa, di ka diriswa go tshosa dinonyane gotswa mo diruiweng tse di mo kotsing, mme dikgatô di ka tsewa go sireletsa leruo fa le le mo kotsing. Dinamagadi tse di dusang ka sekai, di tshwanetse go sutisetswa kwa dikampeng tse di nnye, kwa goleng bonolo go modisa go ka di tlhokomela, dibeke di le mmalwa pele di belega mme di tshwanetse go dula teng sebaka sa dibeke di le mmalwa morago ga go belega, go fitlha tsona le bana ba tsona ba tswa mo kotsing.
Go bona tshedimosetso goya pele golagana le Predation Management Forum Secretariat.

Translated by Nchema Rapoo