Tsela ya Go Simolola Thua Dinotshe

© Chris Daly
Go rua dinotshe e ka nna tlosabodutu e e kgatlhang, mme gape e ka gola go nna kgwebo ya leruri. Motshodi wa dinotshe wa kgwebo o tla kgona go tlamela ka ditirelo tsa go dulafatsa mme a tsweletsa kumo e e tsamaisanang le notshe jaaka tswina ya dinotshe, propolisi le boka mme e ka kgona go ruta le go ba tlhaba botlhale barua dinotshi ba bašwa. Go rua dinotshi ke, le gale, go dira ka natla mme go duela le fa e le tlosabodutu e nnye thata ya morua dinotshe ka tswine ya dinotshe.
Intaseteri ya Notshi ya Aforika Borwa (SABIO) e farologanya magareng ga barua dinotshi ba tlosabodutu (ba ba nang le metshitshi ya dinotshe o le mongwe go ya go tse 100) le barua dinotshe ba ba laolang go tswa go 800 go ya go 10 000 ya metshitshi ya dinotshe. Bolemerui bo bo nnye kgotsa barua dinotshe ba tlhabololo ba ka nna le metshitshi ya dinotshe tse 10 go ya go 150. Tse gantsi di tsholwa le go laola ka tirisano le mekgatlho kgotsa jaaaka diporojeke tsa baagi tsa tlhabololo.
Pele o simolola thua dinotshe akanya ka se: go tshola dinotshe go tshwana le go laola diphologolo - o tshwanetse go di tlhokomela, go netefatsa gore di itekanetse le pabalesego, di na le dijo, metsi le gore go na le sebaka sa katoloso. Gape, thua dinotshe e ka nna tiro e e bokete. O tla tlhoka go dira ka metshitshi ya dinotshe e e tletseng ka tswine ya dinotshe le go tswa mo lefelong la thuelo dinotshe go ya go lefelo la thuelo dinotshe go dulafatsa. Ka nako ya selemo, o tla tlhoka go tlhatlhoba motshitshi beke le beke - go tlhomamisa fa tshelammogo e na le dikgosigadi tsa bašwa, sebaka se se lekaneng go katolosa elamo ya yone le go tlhatlhoba fa go na le malwetse a a rileng.

Dilo tse di Tlhokegang go Tshola Dinotshe

©Chris Daly
Fa o simolola jaaka motshola dinotshe, ka kakaretso o tla tlhoka dilo tse nne:
O tla tlhoka go ithuta ka ga dinotshe le borua dinotshe. Ya ntlha ke motheo wa go tlhaloganya gore segopa sa dinotshe (e e bidiwang ‘tshelammogo’) e rulagantsweng. Gape o tla tlhoka go itse ka ga popego ya notshe, malwetse a dinotshe, ditiro tsa dinotshe tse di farologaneng mo motshitshing le gore notshe ya tswine e fula jang (go kgobokanya dijo) ka tlhago.
Selo sa bobedi se molemerui wa dinotshe o mo šwa a se tlhokang ke lefelo la go beya motshitshi wa ntlha. Se e ka nna tshimo ya maung, foro ya ditlhare (sk. eucalyptus) kgotsa tshimo ya go dimetsa tsa dithunya tse di thunyang (sk. dieie).
La boraro molemerui wa dinotshe o mošwa o tlhoka motshitshi le tshelammogo ya dinotshe. Motshitshi o o siameng o tla nna bonolo go o laola, o tla tshola dinotshe di babalesegile le go tlamela ka lefelo la go aga mamepe bona le go godisa bašwa ba tsona.
La bofelo, go botlhokwa go nna le diaparo tse di maleba (go fokotsa go tlhabiwa ke dinotshe) le didiriswa tse dingwe tsa motheo wa go rua dinotshe.

Netefatsa gore ga o na tshwaetso ya go tlhabiwa ke dinotshe. Gakologelwa, gantsi tshwaetso ga e tsobogele ka ntlha ya lebolela, ditshwaetso di ka simolola fela ka go tlhagelela morago ga dibolela tsa tatelano. Bua le ngaka ya gago go nna le melemo e e mosola.
Barua dinotshe ba bootlhe ba tshwanetse go ikwadisiwa le Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF). Kwadiso e diragala magareng ga 1 Ferikgong le 31 Mopitlwe mme ga e duediswe. Batla DAFF ka ntlha ya ‘foromo ya ikwadiso ya barua dinotshe’.

Translated by Lawrence Ndou