Trumpetfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Trumpetfish

Leina la Matshamekwane

Flutemouth

Leina la Maranyane

Aulostomidae

Semeto

E ka nna 1m, fa bontsi bo ka nna 55 cm.

Ponalo

Mmele o moleele mme o pinegile ga nnyenyane (slightly compressed). Nko e na le sebopego sa ‘tube’ ka botelele. E na le di-barbels tse dikhutshwane kwa bofelong. Molomo o monnye o kwa pele ga nko ya yone.
Mogatla wa kwa morago o seka-kgolokwe mme megatla ya kwa lethekeng e mennye. Mogatla wa mokwatla le wa ka fa tlase e kwa morago gaufi le mogatla wa kwa morago. E mmala wa lephutshe mme e ka o fetolela kwa go borokwa ka distripe fa e tsoma.

Dikitsiso

Lelapa la Aulostomidae le na le leloko le le 1 ka mefuta ya dibopiwa dile 3 tse di farologaneng. Ba bantsi ba dira phoso ya go di tshwantshanya le Cornetfish, e eleng nnyenyana mme e na le mmala wa selefera. O ka e fitlhela mo mafikeng e kobile tlhogo kwa tlase e tsoma.
Ka di nako tse dingwe e ka iphitlha ka ba-itatlhela metsing go nanabela setlabelo sa yone. E kometsa setlhabelo sa yone ka go bula legano ka pele. Di tsala jka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse di kgobokanang fa godimo ga mafika a lewatle.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote