Tlhagiso ya Persimmon

Ditlhagiswa le Ditiriso

©Louise Brodie

Leungo la persimmon gantsi le jewa le le foreshe, fela gona le madirelo-phetolo a magolo a persimmon, a a tlhagisang persimmon e e omisitsweng. Ka ge di-persimmon di na le dielô tse di kwa godimo tsa pectin, di diriswa gape ka go anama mo go direng dijêmê le dinatefisi, tse di jaaka chutney le sauce ya atchar e e babang.

Tannin ya persimmon fa e sale e diriswa jaaka molemô wa batsogapele, go alafa go swa mhama kwa Japan le jaaka more-molemô kwa China, fa e sale bogologolo-tala. Tannins di sireletsa disele tsa togwa, go tiisa masole a mmele kgatlhanong le bacteria le megare. Tannins di thusa gape mo go iseng tlase kgatelelô ya madi le go bofolola mala.

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

China ga jaana ke motlhagisi yo mogolo go gaisa wa di-persimmon mme e tshotse go feta pedi-tharong ya ditlhagiso tsa lefatshe lotlhe. Yona e selwa morago ke Korea Borwa, Japan le Spain. Dinaga tse dingwe tse di tlhagisang di-persimmons ke Israel, U.S.A., Afrika Borwa, New Zealand, Australia, Egepetwa le Chile.

Tlhagiso ya Afrika Borwa

©Louise Brodie
Dew fresh Sharon Fruit.

Tlhagiso yotlhe ya bodirelo jwa persimmon jwa Afrika Borwa e tswa go Sharon™ Fruit, leina la kgwebo la mofuta o o tumileng o le botlha o sena dithapo wa persimmon ya Kaki Fruit, eleng Diospyros Triumph. Mofuta o o botlha ono wa persimmon o ne kwa tshimologong o jadilwe kwa Sharon Valley kwa Israel, mme ke ka fao leina la ona la kgwebo le tlholegileng ka teng.

Bodirelo bo ne jwa tlhongwa mo Afrika Borwa mo bogareng jwa dingwaga tsa bo-1990, segolobogolo ka ntlha ya matsapa a Mor International, setlhopha sa kwa Israel se se rweleng maikarabelo a go rekisa bogolo jwa ntshô ya persimmon e e botlha ya Israel. Maitlhomo a go tlhoma bodirelo jwa Afrika Borwa e ne ele go atolosa paka ya bona ya tlamelo ka tlhagiso gotswa mo sephatlo-fatsheng sa borwa. Mo ngwagengsome o o fetang, bodirelo bo kokoantswe kwa dikgaolong tse di siametseng jalô ya leungo.

Setlha sa Tlhagiso

Mo Afrika Borwa, Sharon™ Fruit e kotulwa go tloga mo bogareng jwa Moranang go fitlha kwa bokhutlong jwa Motsheganong mme e nna teng go fitlha ka Phatwe.

Dikgaolo-Tlhagiso

Leungo le tlhagiswa ga golo kwa Kapa Borwa eleng karolo ya Kapa Bophirima, mme le romelwa kwa lefelo-tlamelong la go paka le go tlhatswa la ARISA kwa Buffeljagsrivier gaufi le Swellendam kwa Kapa Bophirima. Fa mangwe a maungo a Sharon™ Fruit a rekiswa mo mmarakeng wa fa gae, bontsi jwa maungo bo romelwa-ntle ka sekepe go tswa ka boemela-kepe jwa Cape Town.

Magorogelo a Thomelo-Ntle

©Louise Brodie

Mmaraka o mogolo go gaisa wa diromelwa-ntle tsa Sharon™ Fruit ya Afrika Borwa ke European Union, mme mokoa wa maungo o leba kwa manaaneng a mabenkele-magolo kwa Yuropa Bokone le United Kingdom.

Dilekanyetso-Boleng/Setlankana tsa Setegeniki

Di-persimmons tse di foreshe tse di romelwang-ntle gotswa mo Afrika Borwa di obamela dilekanyetso-boleng tsa boleng jwa thomelo-ntle tse di tlhomilweng ke PPECB (Perishable Products Export and Control Board) ya Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo