Taolô-Jalô ya Basil

© Louise Brodie

Tikoloso-Jalô

Jala sejalo sengwe le sengwe gotswa kwa lolapeng lo lo farologaneng mme o leke go se dikolosa dingwaga di le pedi mo tshimong ele nngwe.

Thôbô - Di-tonne mo Hekethareng

E e lekaneng
E e foreshe: 10 tonnes
E e Omileng: 1 tonne
Oli: 8 goya go10 litres
E e magareng
E e foreshe: 15 tonnes
E e Omileng: 2 tonnes
Oli: 10 goya go15 litres
E e siameng
E e foreshe: 25 tonnes+
E e Omileng: 5 tonnes+
Oli: 20 litres+

Kotulo

Goya le bogolo jwa bodirelo, kotulo ya basil e dirwa ka seatla le ka metšhine ya kotulo. Dikotulo di le pedi goya go tharo di ka dirwa gotswa mo sejalong se le esi.
Fa go kotulwa basil e e foreshe go botlhokwa go kotula mo tsidifalong ya meso go thibela go swaba mme matlhare a iswe kwa bodirelong jwa phetodi jo bo rurufetseng ka gangwe morago ga kotulo. Basil e e foreshe e tshaba tshenyô ka mogatsela ka jalo themphoritšhara e tshwanetse go nna kwa godimo ga 7°C.
Kotula basil e e tlileng go omiswa mo meso e e bothitho, mme o netefatse fa matlhare a omeletse.
Fa o kotula basil ya tlhagiso ya oli e e botlhokwa, diphotlwa tsa sethunya di tshwanetse tsa bo di bopegile le dithunya tsa ntlha tse di tlhagelelang. Go botoka go kotula mo thuthafalong ya motshegare, ka ge seno se tlile go oketsa tlhagiso ya oli. O seke wa nosetsa basil e e tlileng go dirisetswa tlhagiso ya oli e e botlhokwa mo malatsing ale mararo pele ga kotulo.
Sega thitô 15 goya go 20 cm gotswa fa fatshe mme o tlogele matlhare mangwe go potlakisa kgolôsešwa.

Poloko

Poloko ya basil e e foreshe e tshwanetse go nna mo go ka nnang 8°C goya go 10°C mo sebakeng se se sa feteng beke. Elatlhoko gore o se bake tshenyego ka mogatsela ka go isa tlase themphoritšhara ya poloko. Tshenyego ka mogatsela e bonwa ka matlhare a a nnang mantsho.
Poloko ya basil e e omisitsweng e tshwanetse go nna ka mo gare ga ditshodi tse di tswalegileng mme di bewe mo lefelong la poloko le le rurufetseng mme le omile. Komisô ka bontsi e dirwa ka diomisi tsa kgwebo-bodirelo le batho ba ba pakang.
Dioli tse di botlhokwa di siame fa di tsholwa mo galaseng e e fifetseng kgotsa mo ditshoding tsa polasetiki mo lefelo-polokelong le le rurufetseng le fifetse. Dioli di gamolwa ka tlhôtlhô ya phufudi.

Disenyi

Aphids, Beetles, Leafhoppers, Nematodes, Slugs, Snails, Thrips le Whitefly.

Malwetse

Downey mildew, Fusarium, Phytophthora, Powdery mildew.
Bona kgakololô ya baitseanape ka ga maêmô a selegae le mekgwa-tiriso ya tshireletso ya dijalo gotswa go motlhankedi kgotsa mogokaganyi wa selegae wa tsa jalô.

Translated by Nchema Rapoo