Tanka ya Dikakanyo yaga Mandela

© Eric Miller

Ke projeke ya ntlha ya mofuta o, e lefatshe le kileng la e bona

Kofi Annan o tlhalositse ka ga setlhopha se se ikgethegileng se se kopantshitsweng ke Nelson Mandela kwa Johannesburg ka ngwaga wa 2007, go tlhama tanka ya dikakanyo ya badirelapuso ba bagolo, go leka go ka bona ditarabololo tsa mathata a lefatshe.

Setlhopha se sene sa na le batho ba ba itsegeng jaaka, mopresidente wa pele wa kwa United States ebong Jimmy Carter, mopresidente wa pele wa kwa Ireland ebong Mary Robinson, mo’philanthropist le moitseanape wa tsa ikonomi Muhammad Yunus, mosekegeli wa tsa ditshaba wa pele wa kwa China Li Zhaoxing, le Annan ka sebele ga mmogo le mosadi waga Nelson Mandela, Graca Machel, moetapele wa tsa dithuto le tlhokomelo ya bana.

Annan oe beile jaana, ‘Jaaka “bagolo”, re na le dikitso tsa boleng tse re ka abelanang ka tsone, ebile, jaaka re dumela, ele maikarabelo a rona go abelana ka tsone.

Projeke e, ke ya ntlha ya mofuta oo, e lefatshe le kileng lae bona, ditagatso ee gakgamatsang, ya go kopantsha dikitso, ‘sagacity’, maitemogelo, statesmanship ya zbanna le basadi ba ba nang le kitso ka tsa dipolotiki, mme dingwaga tsa bone mmogo di ka feta 1000, gore ba sekaseke dingwe tsa mathata a lefatshe le dibonang. lekgotla le le simolotswe ke Nelson Mandela, moArchbishopo Desmond Tutu le Graca Machel

Go buiwa ka tsa ditokelo tsa batho

Nelson Mandela, oo tlhogoethata, mme ele modiragatsi oo bayang leitlho kwa go tataiso le kgonagalo ya go duelela projeke, a ba bolelela kwa tshegetso ya lekoko la gagwe la bagolo e tlileng go tswa kwa teng. O ba reile are lekoko le tlile go duelelwa ke baikemedi ba ba mmalwa jaaka Richard Branson le Peter Gabriel.

Mme a bua kaga batshegetsi ba bangwe jaaka Ray Chambers le Michael Chambers, Bridgeway Foundation, Pam Omidyar wa Humanity United, Amy Robbins, Shashi Ruia wa setlhopha wa billionaire India Essar Group, Dick Tarlow le motheo wa Unted Nations Foundation.

Lekoko le tla kopana gabedi ka ngwaga, mopeisdente wa pele wa Ireland, Mary Robinson o kaile fa tiro ya lekoko e setse e simolotse ka gonne bothata ba ntlha e ne ele ditokelo tsa batho. Bagolo ba tshwaile fa Universal Declaration of Human Rights e tlile go bona letsatsi la segopotso la bo 60 ka 2008, mme ba ka dira kistiso ya phatlatso eo mokwalo oo phelang.

Se ke tshwetso e ntle, e supa kakanyetso mme ke leano la boganka. Go ntseng jaalo, re tla bona fa le tlile go atlega ka maikaelelo a di a beileng. Mme fela, ga gona pelaelo ya gore le tlile go ama lefatshe ka ditsela dile dintsi, e bile le tlile go nna sefikantswe sa tlhotlheletso le maemo aga Nelson Mandela mo lefatsheng.

Translated by Ikalafeng Maedi

Kofi Annan on Nelson Mandela

Kofi Annan o dirisitse tshono ya gagwe ka moletlo, wa Fifth Nelson Mandela Lecture ka kgwedi ya phukwi e tlhola malatsi a 22 ka ngwaga wa 20...more

Mandela on His Global Leader Project

Gaesale letsatsi leo ke ntse ke bona leano leo le gola, le tiya mme le diragala, ga bua Mandela....more