Sponges

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Sponges

Leina la Maranyane

Porifera

Semeto

E ka nna semeto sa go feta 5 m ka botelele.

Ponalo

Sebopego, semeto le mebala ya tsone e farologana thata. E ka nna kglokwe, ya nna le sebopego sa senwelo Sebopego sa setlhatshana, kgotsa ya nna o kare lebota le le telele. Tshotlhe di na le lebota le le nang le diphatlha tse dinnye le tse ditona. Mebala ya tsone e ka nna mmala wa namune, le boshibidu kgotsa bontsho, beige, le borokwa.

Dikitsiso

Dibopiwa tsa Porifera phylum di na le mefuta e ka nna 15 000 e e farologaneng. Go ya ka goreng ke mofuta o feng wa sebopiwa se, e ka nna le collagen, spongen, lime kgotsa silica spicules tse di e fang sebopego sa yone. Meriri e mennye (flagellae) e tsamayisa metsi ka fa gare ga sponge, mme ke yone tsela e e fepang ka yone. E kgona go gola bontshwa. Di tsala ka tsela ya ‘budding’ Kgotsa planktonic larvae.

Dijo

E fepa ka bontlhanyana (particles) jo bo di bonang. Tse dingwe ke di-carnivores (Di ja nama fela) – Di ja di-crustaceans tse dinnye tsa semeto sa kwa tlase ga 1mm.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Cup sponge - Ircinia sp.
Greek sponge - Spongia sp.
Wall sponge - Spirastrella sp.