Soldierfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Soldierfish

Leina la Maranyane

Myripristinae

Semeto

E ka nna 50 cm, fa bontsi bo ka nna 18 cm.

Ponalo

Mmele wa tsone o sephaphathi, kgolokwe jwa lee ka makwapa aa bonalang a le bokgwakgwa ka mebala e mebedi. Mogatla wa tsone o ntlha-pedi (Deeply forked). Matlho a magolo le nko ee pinegileng kwa pele. Mmala o moshibidu mo letlalong ka mafelo aa bosetlhana le ditsubaba tse di lefitshwana.

Dikitsiso

Lelapa la Myripristinae la kwa tlase le na le mehato e ka nna 8 le dibopiwa di ka nna 84 tse di farologaneng. Ke enngwe ya leloko la lelapa la Squirrelfish. O ka e fitlhela mo godimo ga mafika a lewatle motshegare kgotsa e iphitlhile mo mephatlholong le ka fa tlase ga marulelo a mafika.
Gantsi di tsoma masigo, mme di ikgethela mafelo a phothoselo ee matla ya metsi (heavy currents). Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka makakauwe le shrimpe.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Blotcheye soldierfish - Myripristis murdjan
Finspot/Pale soldierfish - Myripristis melanosticta
Yellowfin soldierfish - Myripristis chryseres