Slender Mongoose
Kganwe

© Nigel Dennis

Leina

Kganwe [Galerella sanguinea]

Tebego

Kganwe tse di tshegadi di fitlhelela bokete jwa 575 gr. mme di dinnye mo go tsa tonanyana tse bokete jwa tsona e leng 715 gr. Mmala o fapaana go tswa go o borokwa go ya kwa go o mo khunou go ya ka tikologo e di phelang mo go yona. Matlase a tsona a mmala o mosetlhana. Megatla ya ona e meleele ele mentsho kwa dintlhaneng, eleng semelo sa phologolo eno. Mo di tikologong tse di tsididi mmala wa tsona o ka ntshofala.

Phepo

Kganwe gantsi e ja magotlo, digagabi mme nako enngwe e ja le dinonyane – e itsiwe e ja gape ditshenyekegi.

Tsadiso

E tsadisa ngwaga otlhe, fela tsalo gantsi e diragala mo setlheng sa dipula. Di dusa dibeke tse robedi goya go tse robongwe mme di tlhatse gangwe kgotsa gabedi mo ngwageng, dintsha ngwana a le nosi go ya go ba le bararo ka nako ele nngwe.

Maitshwaro

BoPhela-nosi, fela kgaolo e e amagantsweng e ka sireletswa ke segopa se se ka nnang le ditonanyana tse nne. Kgaolo eno e e amagantsweng e ka akaretsa ditshegadi di le mmalwa ka mo teng. Ditonanyana tse di tsalanang le tse di sa tsalaneng di ka akaretswa mo segopeng seo. Dikgaolo ga di refosanwe ke dinamagadi. Bana ba ba tonanyana le ba ba tshegadi ba tswa mo kgaolong e ba tsaletsweng mo go yona go ya go ipatlela ya bona fa ba nonofile.

Tulo

Dikganwe di dula mo sekgweng sa ditlhare tse di telele, mo go sone di ithatela fa ditlhare di kitlanyeng teng. Bodulo jwa tsona bo dirwa gotswa mo mesimeng ya motlho e e sa direng, mo gare ga matlapa le mo dikutung tse di bulegileng tsa ditlhare. Di etela le dithabana.

Di fitlhelwa kae

Kganwe e fitlhwelwa mo dikgaolong tse di mo bogare le bokone-botlhaba jwa Afrika Borwa mmogo le go ralala Namibia, Botswana, Zimbabwe le go fitlha kwa Afrika Botlhaba le Afrika Bophirima.