Seleri

Leina la Saense: Apium graveolens
Leina la Tlwaelo: Celery, Soup celery kgotsa celeriac

Tlhaloso ya Semela

Celery key a lelapa la Apiaceae e bile e amana le parsley, parsnips, coriander le digwete. E simolotse kwa kgaolong ya Mediterranean. Ke sejalo sa sa ngwagapedi mme ka go uma go go foreše e jetswe le go robiwa ngwaga le ngwaga. Sejalo se tswelela go mela kwa motheong wa segwere kgotsa pelo kwa llageng e e kwa tlase mo setlhopheng sa dikotana kgotsa dipetiole ya sejalo se se feletsang ka sekgwa sa matlhare a a bonana. Dipetiole kgotsa manono a matlhare ke karolo e ekgolo e e jewang ya seleri. Dimela tsa seleri ka tlwaelo di robiwa fa di ka nnang disentimetara tse 40 go ya 50 kwa godimo. Thulaganyo ya medi ya seleri e dirilwe ka moditona ka boima jwa medi ya tlhale e e borethe kwa disentimetareng tse 20 tsa godimo fa tlase ga boalogodimo. Ka tlwaelo e ntsha dithunya le peo ka ngwaga wa bobedi.

Tiriso

Seleri e dirisiwa go le gontsi mo go tswakantshweng ga disopo le ditshuu. Gape e jewa e le tala le ka mo disalateng kgotsa e apeilwe jaaka morogo. Sejalo sa seleri ga se na dibithamine tse dintsi kgotsa dikotla mme e kwa tlase ka dikhabohaetereite. Go le gantsi se dirilwe ka tlhale le metsi ka jalo e ratwa ke batho that ka maikaelelo a go latlhegelwa ke bokete.
Peo ya seleri e e mo mmung mme e dirisiwa jaaka letswai mme di na le oli e e dirisiwang mo monkong le melemo, se se thusang ka go thuba esiti ya yuriki mo mading ka ntlha ya kalafo ya gout, malokololo le bonyelele.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanya

Seleri e tshela sentle mo mmung o o monolotswegn sentle, mmu wa motlhaba serokwa ka dilwana tsa tlhago ka ntlha ya go tshwara monola le kotlo. E tlhoka mmu o o esitinyana ka pH ya 6.0 go ya go 6.5.
Dibeke di le thataro pele ga go jalwa, lema mme o suge kgaolo e e tla jalwang go ka nna 500 mm. Ka nako e tsenya kalaka fa go tlhokega gammogo le monotsha mofe kgotsa mofe, mosutele, kgotsa gysum le difosefore tse di kwa godimo. Fa dijalo tsa khurumetso tse di tala di neng tsa robiwa peleng, se ke go fokotsa le go lema mo mmung ka nako e le nngwe.
Beke e le nngwe pele ga go jala seleri, lema tshimo mme o harake ka sediko go lekalekantsha le go baakanya kgaolo. Se gape se tlosa mefero efe kgotsa efe e e tshwereng. Makidi a tshwanetse go nna phepa e bile a nne bonolo kwa ntle le makwete kgotsa mefero kgotsa matlakala mo mmugodimong a tla thibela go tlhaga ga medi.

Tlelaemete

Seleri e tlhoka tlelaemete e e tsiditsana e e senang serame ka dithemperetšha tsa 15°C go ya go 24°C. Fa go na le dinako tse ditelele tsa dithemperetšha tse di godimo ga 25°C ka nako ya go mela go dira e nne botlha thata le ditlhale.

Mefuta ya Dijalo

©Louise Brodie
Mefuta e mebedi e megolo ya seleri ke Seleri ya Matlhare, le Seleri ya Letlhaka.
Mefuta e mengwe ya dijale e e rategang Utah, Pascal ya Gauta, Stetham le Peppermint.

Translated by Lawrence Ndou