Sekwaše ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leiana la saense: Cucurbita pepo
Leina la Tlwaelo: Sekwaše
Sekwaše se simolotse kwa Bogareng jwa Amerika.

Tlhaloso ya Sejalo

Sekwaše ke cucurbit e e anamang kgotsa morara o o ntshang maungo a a potlana, a a botala jo tshwana a a sediko ka molagare o o ka nnang 80 go ya go 100. Sejalo se ntsha bobedi dithunya tsa basadi le banna mme badulafatsi ba bagolo ke dinotshe. Ka jalo, go a eletswa go beeletsa mo metshitshing mo gare kgotsa gaufi le masimo. Palo ya dinotshe e e itekanetseng e netefatsa palo e e siameng mo nakong ya go dulafatsa. Sejalo se na le moditona e e ka kgonang go ya fatshe disentimetara tse 60, le fa e le gore bontsi ba medi e kwa godimo disentemetara di le 20 go go ya go 30 mo tikologong ya mmu godimo mme ke medi e e seng boteng e e dirang tiro e le ntsi mo go tlameleng ka metsi le dikotla mo dimeleng le kwa bofelong maungo. Peo e bopega mo lerobaneng mo bogareng jwa leungo.

Ditiriso

Dikwaše di a bedisiwa mme boteng jwa leungo bo bo serolwane bo a jewa jaaka morogo. Gape di jetswe jaaka morogo wa lesea mme di jewe di feletse.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Sekwaše tlhoka mmu o o leng wa motlhaba serokwa le go serokwa o o gamolang sentle. Maemo a pH ya mmu a tshwanetse go nna magareng ga 6 le 7. Diteng tsa tlhago mo mmung di tshwanetse go nna kwa godimo ga palogare. Go lokela monotsha kgotsa motshetelo mom mung go a gakolodiwa.
Pele ga go simolola go baakanya kgaolo ya go jala go jala e e tlhogang o tshwanetse go tsaya diteko tsa mmu wa kemedi go tswa mo karolo kgabaganyong ya kgaolo ya go jalwa. Diteko tse di tshwanetse go sekasekwa ke laboratori e e itsegeng go netefatsa gore ke eng ditlhokego tsa dikotla tsa mmu. Fa o baakanya mmu go jwala go botlhokwa go tlhanolola porofaele ya mmu ka go kgaola mmu go thuba dikgoreletsi mo porofaeleng ya mmu go ya tlase mo bogareng ba dimilemetara di le 600 go ya go 800 ya dimilimetara. Se se thusa mo gamolong ya mmu mme se tla netefatsa thulaganyo ya medi e e itekanetseng.
Dibeke tse di ka nnang 5 go ya go 6 pele ga go jala dikotla tse di tlhokegang ka ditshekatsheko tsa mmu go ya ka dikatlanegiso di tshwanetse go dirisiwa. Se e ka nna kalaka ya go siamisa pH kgotsa monotsha le difosefeit tse dikgolo. Go kopanya tse mo mmung, lemela tse mo dimilimetareng tse 450 mo godimo ga mmu. Se se lemela tse dijalo le disalela tsa mefero mo tshimong, mme se letlelela dikotlale tsa tlhago go tsena mo porofaeleng.
Beke pele ga go jala dikarolo tse di latelang le menontsha wa pele ga go jala o ka dirisiwa mo kgaolong ya go jala mme go lemiwe ka mogoma wa sediko kgotsa mogoma o o dikologang disentimetara di le 20 mo godimo ga mmu go baakanya mmugodimo go jala peo kgotsa matlhogela.
Makidi a thalwa mo polasetiking kgotsa khupetso ya tlhago e alwa go thusa ka go laola mofero le bongola jwa mmu.

Maemo a Bosa

Sekwaše ke sejalo sa maemo a bosa a a bothitho mme mo Aforika Borwa se jalwa thata ka dikgakologo le selemo. Se ka jwalwa mo tsamaong ya ngwaga fa dithempheretšha di se tsididi thata e bile go se na serame. Ga se kgone go fenya serame. Go tlhoga ga peo ya sekwaše go simolola fa dithempheretšha tsa mmu di fitlhelela 16 °C+ le fa e le gore go tlhoga go go lekaneng go diragala fa dithempheretšha tsa mmu di le gaufi le 20°C.
Kgolo e e gaisang le dithempheretšha tsa go uma ke tse di mo magareng ga 20°C le 28°C. Sejalo se na le bonnye ba botlhale ba metsi mme se ka jalwa ka fa tlase ga maemo a masimo a a omeletseng fa pula e sa tlhomama. Le gale dikumo tse di gaisang di bonwe fa masimo a noseditswe.

Mefuta ya Dijalo

Go na le peo tse dintsi tsa leidi tse dintšhwa tse di tlhogisitsweng mme fa o swetsa go beeletsa mo sekwašeng go botlhokwa go bona kgakololo ya moitseanape wa temothuo, mankge wa peo kgotsa molaodi wa katoloso wa kgaolo.
Mefuta e e rategang ke Gemini, Rolet le Smarag.

Translated by Lawrence Ndou