Sekanô sa Setšhaba sa Kapa Bokone

Sa ǁa ǃaĩsi 'uĩsi - “Re na le botshelo jo bo ntle” ke moanô wa Kapa Bokone, o ranotswe gotswa mo puong ya San. Moanô ono o kwadilwe mo motheong wa Sekanô sa Setšhaba sa Kapa Bokone, se se atlanegisitsweng ka 25 Phatwe 1997.

Motheo o mebalabala ya mmala o o borokwa mme o na le phetodi ya 3D, mme seno se emetse mabala a a omeletseng ale majwe a Kapa Bokone. Thebe e ipharile mo motheong, ka sebopego sa taemane se se leng ka bogolo mo gare thebe. Botlase jwa taemane le thebe bo mmala wa loapi le bosweu ka phêthêne ya lekhubu, go tshwantshisa lobopo lwa Kapa Botlhaba le kwa go lona ditaemane di le di ntsi di ntshitsweng teng. Ka mo gare ga sebopego sa taemane gape, go tshwantshitswe setlhare sa mokgalo. Dikhutlwana tse di kwa godimo tsa thebe di mmala o mohibidu ka daisy e e serolwana mo tlhakoreng nngwe le nngwe.

Sebopego sa taemane se emetse khumo ya diminerale le moruo wa porofense. Daisy tse di serolwana di emetse letsatsi le ngwaôboswa ya kamanô-tshedi, sentle sentle pontsho ya ngwaga le ngwaga ya dithunya tsa dikgakologo e e diragalang morago ga dipula tsa mariga mo kgaolong.

Moêtsê ke korone e e nang le leseka le le tsentsweng sebaga sa ba-San. Thebe e tshegeditswe ke kukama ka fa molemeng le tholo (ya tona) ka fa mojeng.

Sethunya sa Sekanô - Namaqua Daisy (Dimorphotheca sinuata)

©Shem Compion
Meseme e e serolwana e kgabisa naga e, pele ga dipula tsa mariga di na, e neng e lebega jaaka lefatshe le le moôpa, go gogela bajanala gotswa go ralala lefatshe go tla go itemogela tebêgô e e itumedisang eno ya ngwaga le ngwaga ya tlhagô kwa Kapa Bokone – pontsho ya dithunya ya Namaqualand.

Namaqualand daisy ke sethunya sa ngwaga le ngwaga se se tlhogang ka bontsi kwa nageng morago ga dipula tsa mariga kwa Diporofenseng tsa Afrika Borwa tsa Kapa Bokone le Kapa Bophirima. Dithunya di tshwana le daisy ka diphetale tse kgolo tse di nang le bogare jwa mmala wa namune, le fa bogare nako dingwe bo ka nna serolwana. Gautshwane le tlhakore e e kwa tlase ya diphetale, go na le palamonwana e tshesane e e mmala wa mauve o motalanyana. Sethunya se thunya go ntsha mebala e e farologaneng e e bonalang e e akaretsang o o phatsimang wa namune, serolwana, wa lobebe le wa salmon. Di tlhoka letsatsi ka botlalo go bulega le go latedisa letsatsi jaaka le tsamaya gotswa botlhaba goya bophirima. Selo se se botlhokwa go se itse fa o rulaganya go tsaya ditshwantsho tsa dithunya. O seke wa ya go leba dithunya ka malatsi a maru a thibileng ka ona kgotsa go sale gale mo mesong, ka ge dithunya di tlabe di santse di tswalegile.

Phologolo ya Sekanô - Kukama (Oryx gazelle)

©Nigel Dennis
Kukama, e e itsagaleng gape jaaka gemsbok, e kgona go falola dithemphoritšhara tsa sekaka tse di makgwakgwa le tlhaelô ya metsi ka go dirisa taolô-themphoritšhara mo bobokong jwa yona go fokotsa metsi a a tlhokegang le go tshola boboko bo fodile. Kukama e tlhamile mokgwa-tlwaelô o o itsagaleng jaaka carotid rete, o eleng mafaratlhatlha a dikopanya-ditshika mo moding wa boboko.

Madi a a bothitho a a yang kwa bobokong ka tshikatona ya carotid a feta pele ka motseletsele wa dikopanya-ditshika mo mafaratlhatlheng a sinus, kwa a fodiswang ke phetisetso-mogote gotswa mo mading a ditshika a a fodileng a a tswang mo bobokong. Tsela e nngwe ya taolo-themphoritšhara e kukama e e dirisang ke go loisa moroto le go monyela bometsi ka bontsi jo bo kgonegang gotswa mo bolokong jwa yona, go tlhagisa dikgolokwe tse di omeletseng mme di le thata.

Dikukama, ke difula-tlhaga le difula-tlhare, di iphepa ka matlhare, tlhaga, maungo le ditshatsana-mere, ditlhokegô tsotlhe tsa tsona tsa metsi di fitlhelelwa ka iphepô-dijo ya tsona. Fela, fa metsi ale teng di tlile go nwa.

Dikukama gantsi di phuthega ka metlhape e e nang le dinamagadi le dipoo tse di seng bofufa ka felobodulo la tsona, ka ge di tsamaya go batlana le dijo. Dipoo tse di renang, di disa ke go tshola felobodulo jwa tsona gore di tsadisane le metlhape e e fetang ya dinamagadi. Dipoo tse di seng bofufa ka felobodulo, fa di feta mo felobodulong jwa e nngwe, di tlile go obamela poo e e renang go efoga mafega. Dikukama di itsagale ka go koba ditau, le go di bolaya tota ka go dirisa dinaka tsa tsona tse di tiileng.

Translated by Nchema Rapoo