Rosemary ka Kakaretso

©Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Rosmarinus officinalis
Leina la tlwaelô: Rosemary

Rosemary e tlholega gotswa kwa Borwa jwa Yuropa.

Tlhalosô ya Sejalo

Rosemary e boitshoko mme e gola go fitlha kwa boleeleng jo bo ka nnang metara di le pedi. Sejalo ke setlhatsana sa motalafelaruri se se nang le lekwati le le setlha le le makwapa mo kutung. Sejalo se na le dikala di le mmalwa tsa mo matlhakoreng, mme gotswa mo go tsona go tlhoga matlhare ale mmalwa a a mebitlwa ale lethetho. Matlhare a botala jo bo fifetseng fa godimo ka matlase a a sedifetseng. Dithunya tse di bopegang mo dintlhaneng tsa dikala di mmala wa loapi o o boleta.

Ditiriso

Rosemary mo popegong ya yona e e foreshe le e e omeletseng e diriswa mo dijong di le di ntsi jaaka setsenya-tatsô. Tiriso e nngwe ke ya tlhagiso ya dioli tse di botlhokwa. Dithunya di na le dioli tsa boleng jo bo kwa godimo ele tota, mme di ntsha monkgo o o foreshe o o boleta wa mofatlha. Dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa sejalo le tsona di ntsha dioli, fela di na le monkgo wa mofatlha o o bogale.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Rosemary e diragatsa bontle mo mmung wa serokwa se se motlhaba o o tswang metsi sentle, wa pH ya magareng ga 6 le 7.5. O seke wa jala mo mebung o o nang mmopa o o kwa godimo. Mo mebung o o bokete, go botlhale go dira mebôtô mo meleng ya jalô go thusa ka kelometsi gotswa mo meding.
Pele paakanyô efe kgotsa efe ya mmu e ka dirwa, sampole ya mmu wa leemedi e tshwanetse go tsewa le go romelwa kwa laboratory gore e sekasekwe le go neelwa ditshitshinyo tsa dikotla. Mebu e tshwanetse go petwa go repisa mmu kwa boteng jwa 600 mm. Lime, ya go baakanya pH, mosutele kgotsa motshotelo di tshwanetse go ka tshela le go lemelelwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 400 mm, dibeke di le nne goya go tlhano pele ga jalô. Mo malatsing a bofelo pele ga jalô, tshela dielemente tsa tatediso le monontsha wa pele ga jalô o o lekalekantsweng mo mmung mme o êge ka êge ya papetlatsheko mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se tla tlhagola mofero mongwe le mongwe o o tlabeng o tlhogile. Fa mebôtô e ise e dirwe seo se dirwa mo mo nakong eno mme mealô ya peo e a baakanngwa gore go jalwe.

Bosa

Rosemary ke sejalo sa motalafelaruri se se boitshoko se se tlhogang mo boseng jo bo bogareng, mme se diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tsa magareng ga 18°C le 26°C. Gape e kgonana le segagane.

Dijadi

Go na le mefuta e meraro e megolo ya rosemary e e tlhagisetswang kgwebo, Camphor-Borneol, Cineole and Verbenone.
Mefuta e e leng teng ke, Albiflorus, Arp, Benendan Blue, Flora Rosa, Hill Hardy, Holly Hyde, Huntington Carpet, Irene, Majorca Pink, McConnell’s Blue le Tuscan Blue.
Go na le mefuta e mengwe gape ele mentsi mme go botlhokwa go senka kgakololô ya motlhankedi wa selegae wa jalô le gotswa go moitseanape wa dipeo go bona mofuta o o gaisang mo kgaolong ya gago le wa mmaraka o o totilweng.

Translated by Nchema Rapoo