Remoras

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Remoras

Leina la Matshamekwane

Suckerfish, Sharksucker, Gapu

Leina la Maranyane

Echeneidae

Semeto

E ka nna 90cm, fa bontsi bo ka nna 40m.

Ponalo

Mmele wa yone o bokgolokwe mme o mosesane. Tlhoogo ya yone e phaphategile ka bophara. Mogatla wa ntlha wa kwa morago o bopegile jaaka kgolokwe ka di polata (plates) tse di kgabaganang, Motlhagare wa kwa tlase o tlhagelela kwa pele ga wa kwa godimo. Gantsi e bonawa ka mmala o o lefitshwana ka mela e mesweu kgotsa ya mmala wa lephutshe e e elelang mmele wa yone.

Dikitsiso

Lelapa la Echeneidae le na le mephato ele 4 ka dibopiwa di ka nna 8 tse di farologaneng. di itshwarelela ka magwaragwara, di’Rays, Dikhudu, le ditlhapi tse di nang le marapo a mantsi, Maruarua, le di’Dolphin. Di dirisa selopo sa tsone sa go tsuntsunyetsa seromamowa (host) wa sone.Ka dinako dingwe o ka dibona di itshwareleditse mo dikepeng kgotsa mo bathong ba ba ithatlhelangboteng ba metsing (divers).
E banala o kare e thuma e lebeleditse mpa kwa godimo ka lebaka la sebopego sa tlhogo ya yone. E phepafatsa seomamowa sa yone ka go ntsha dikokwanatlhoko (bacteria). Di tsala ka go tshela mae mo metsing pele a nonofatswa ke e tona (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka masadisa a tse dingwe. Tse dingwe di ja mantle a tse dingwe.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Remora (Remora linnaeus)
Striped remora (Echeneis naucrates)