Polelo ee ratiwang ke Benjamin kaga Mandela

© Eric Miller

Mathata aa Tshwanang

Mogare ga dipolelo dile dintsi Mandela, se ke se ratang ke se ke se boleletsweng ke Jules Browde, mmuelli wa mosweu, o itsegeng thata wa kwa Johannesburg, mme ele mongwe wa babuelli ba baneng ba emela batho ba ditsheko tsa sepolotiki kwa kgotlhatshekelong ka nako ya apartheid.

Mo dingwageng tse di fetileng, ke dirisitse polelo eno mo bukeng e ke neng ke e kwaletse bana ba sekolo se se kwa godimo. Browde o gopola a bolella Mandela gore ene le mosadi wa gagwe bane ba intsha bosigo jo bongwe mme ngwana wa bone wa dingwaga dile nne one a tshwanetswe ke go sala le motlhokomedi wa gagwe wa motho montsho mme a lela. “Ga ke batle go sala le sefatlhego se sentsho”.

Browde one a bolella Mandela gore one a sa tlhaloganye se, ka gonne lelapa la gagwe le ne le sena kgetholla ya mofuta ope. Mandela o ne a mo bolella gore le ene o tshwere bothata jo bo tshwanang kwa gae.

O ne a etetswe ke ditsala tsa makgoa mme fa ba setse ba tsamaile, ngwana wa gagwe a mmotsa a re “Goreng re amogetse botho basweu fa?”. Mandela o mo araba ka gore, “Ga se makgoa otlhe aa nang le dipelo tsa batho basweu, ba bangwe ba na le dipelo tsa batho bantsho”.

Translated by Ikalafeng Maedi