Pêtlêkô e Nnye

© Francois Viljoen Wineland
Minimum tillage results in a larger development of soil microbes in the undisturbed sub-layers of the soil than in a vineyard where vineyard rows have been cleaned. Here, cover crops are planted to reduce moisture loss and increase organic matter in the soil.
Mo dingwageng tse di fetang go ntse gona le motsamaô go ya go pêtlêkô e nnye mo ditshimong tsa terebe. Petleko e nnye ga e kgoreletse mmu ka didiriswa tse di kgolo tsa temô. Seno se ka kaya gore karolo yotlhe ya dijalo tse di khurumetsang e a gasiwa le go papetlelelwa pele ga go phanya ga lekukunya. Petleko e nnye e ka kaya gape gore ga gona temô ka metšhine e e dirwang ka fa tlase le mo gare ga merara, kgotsa go diriswa fela sekere sa ditlhare go laola moferô. Taolô ka khemikhale go mofero kgotsa dijalo tse di khurumetsang e ka diriswa mo boemong jwa taolô ka metšhine.
Dipatlisiso di bone fa pêtlêkô e nnye e baka go nna teng ka bontsi ga di microbes mo boalông jo bo sa tshwenngwang jwa mmu gona le mo tshimong e meleng ya tshimo e phepafaditsweng teng. Go fitlheletswe gape gore tiriso ya herbicides e bopile boalô jo bo tiileng jo bo kitlaneng mme bo nne le ditlamorago tse di sa siamang mo fungi ya mmu.

Translated by Nchema Rapoo