Petite Sirah - Durif

Tlhaloso

Terebe e e tseneletseng e e tlhagisang diveine tse di khibidu ka botlalo tse di neng di tlhagisitswe ka bo1880 ke Ngaka Francois Durif go tswa mo sefapanong sa SyrahxPeloursin. Ye e tumileng kwa California, Petite Sirah gape e jalwa mo Argentina, Brazil, Mexico le Australia. Go buiwa gore fela selo se se (‘petite’) nnye ka ga Durif ke borekhu jwa yona. Go tsweletswa ka go go tseneletseng jwa ba mmala, diveini tse di galakang tse di khibidu.

Tshimologo

Kwa mogorogorong wa Rhône Peaks, Fora

Maina a Mangwe

Petite Sirah gape e bidiwang Durif (morago ga motlhami), mme ka leina le le dirisiwang ke Madirelo le Ditsamaiso tsa Aforika Borwa (SAWIS). Petite Sirah ga go e a tshwanela go tsewa ka phoso jaaka Petite Syrah, ya bofelo ke ya go dorwa go tshwana le yona ya borekhu jo bo nnye ya mefuta ya terebe ya Syrah e farologaneng. Maina a mangwe a a fetang a 35 a Durif a teng kwa dinageng di sele jaaka Dure, Duret, Semela Durif le Pinot de Romas (Fora) a dirisiwa.
Durif ga e a amana le Petite Sirah ya Carlifonia jaaka e tlhomilwe ke DNA ya menwana ka 1997.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Mo e ka nnang 114ha Durif e jalwa mo Aforika Borwa, lwa ntlha e e tlhomilweng kwa Vititec ka 2001.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Ya ntlha ya kgwebo ya go jalaw e ne ya tlhongwa ka 2004 mo polaseng ya Fairview kwa Paarl. Bontsi jwa 114 ya ha ya Durif e jetswe mo dinageng tsa Breedekloof (34ha) le Paarl (31ha). Ntšhwa ya go jwala 24ha e ne ya tlhongwa ka 2016.

Kgolo

Dipatlisiso ka Petite Sirah terebe e ka kgona go phela mo tikologong ya mmu e e farologaneng ya mefuta le go e bontsha e kgolo e e thata le ntshetso ya go fitlha 22-24t/ha. Terebe e na le mokgwa wa go nama ka go itshegetsa go botlhokwa go tshola ditlhopha go tswa kwa mmung. E jalwa mo pakeng ya magareng le palo e e kwa godimo.

Go Butswa

Diterebe di robiwa ka bogareng jwa setlha.

Matlhare

Matlhare a bogolo jwa magareng ka bogolo, letshwao la phesenter le mareto a ma tlhano.

Borekhu

Petite Sirah e na le borekhu jo bo nnye, jo bo bofaganeng sentle.

Disenyi le Malwetse

Tsa go tshwana le e nngwe le go bofagana sentle ka ditlhopa e ka nna ya ba mo kotsing ya bola ga ditlhopa. Borekhu bo masisi go phiso ya letsatsi.
Petite Sirah e na le bokgoni jwa go emelana le monyo o o boleta wa tlase, se se dirileng gore e itsege mo Fora mo ngwagakgolong wa 18, le fa e sa tlala tota mo Fora gompieno.

Tiriso

Durif e tlwaetse go diriswa go tlhama diveine tse khibidu ka botlalo, tsotlhe jaaka mofuta o o farologaneng e le nngwe kgotsa jaaka motswako. Mo metswakong, e tlaleletsa popego e galakang le mmala o tharaano.

Tatso/Moutlwalo

Diveine di ka nna le maungo a a kitlaneng, tse maatla, go galaka le lefifi.
Terebe e itsiwe mo Carlifornia ka monko o monate o o humileng ka pepere e ntsho. E na le go galaka ga kwa godimo, diveine di nang le bokgoni jwa go nna nako e telele go – lesome le go fitlha go dingwaga tse di 20.

Translated by Lawrence Ndou