Pearl-spotted Owlet
Lerubisana

© Karl Svendsen
Pearl Spotted Owlet.

Leina

Lerubisana (Glaucidium perlatum)

Tebego

Lerubisana ke nngwe ya marubisi a mannye go gaisa mo Borwa jwa Afrika. Ke marubisi a a ‘senang ditsebe’. Ana le mmala o o borokwa jwa cinnamon ka mafofa a sefatlhego a a bosweu jo bo tswapogileng. Dikarolo tsa mmele tsa ona tse di fa godimo di borokwa ka dikôlô-kôlô tse di timpetseng tse tshweu. Dikarolo tsa mmele tse di ka fa tlase di bosweu jo bo patsitsweng ka borokwa, fa matlho a le serolwana.

Phepo

A ja ditsongwa tse di farologaneng, jaaka ditshenyekegi, bo-mmamanthwane le tshika ya bo-legotlo. Go gatisitswe fa a kgona go tshwara le Leeba La Setshego, le le bokete jwa 200g, eleng phitlhelelo ka ga morubisi ono ona fela le bokete jwa 85g. Gantsi a ja ditshedi tse di senang lerapô la mokwatla, fela dinala tsa ona tse di maatla di dira gore a kgone go tshwara dinonyane tsa bogolo jwa dithaga tse kgolo, diphologotswana le digagabi.

Tsadiso

A tsadisa go simolola ka Phatwe go fitlha ka Ngwanatsele mme kgonagalo ke gore batsadi ka bobedi ba elama mae matsatsi a ka fitlha 31. Tshegadi e beela mae a ka nna 2-4 mo khuting ya setlhare, e gantsi e epilweng ke bo-phaphadikôta kgotsa bo-kôpaôpê. Go elama go fitlhelela matsatsi a le 29, a mannye a tlhoga mafofa a maphuka fa a tshwara matsatsi a le 31, mme a kgone go ikemela dibekenyana morago ga fao.

Maitshwaro

Jaaka maloko a le mantsi a tshika e, setshedi seno sena le gonna matlhagatlhaga motshegare. Molodi wa sona o o tshwanang o le nosi ona le go utlwiwa mo dikgweng tsa mosu kwa setshedi seno se tlwaelegileng teng. Se tsamaya ka bongwe kgotsa ka para. Lerubisana lena le dika-matlho kwa morago ga tlhogo. Seno ke go tsietsa ditsomi gore le katswa le lebile ntlha efe.

Tulo

Le fitlhelwa mo dikgweng tsa tlhaga tse di bulegileng le dikgwa tse di bulegileng tse di ditlhare, di kekoga mafelo a a nang le tlhaga e telele, dikaka le dikgwa tse di kitlaneng.

Di fitlhelwa kae

Di aname thata mo Borwa jwa Afrika, thata-thata kwa dikgweng kwa o di bonwang teng ngwaga otlhe. E katswa ele ona morubisi o o ratang lesedi go a feta otlhe mo Borwa jwa Afrika, o tsamaya ka nosi kgotsa ka para.

Leina La Se-Latin

Glaucidium perlatum