Patlisiso ya go Simolola ka Kgolokwe ya kwa Vredefort

© David Fleminger

Maikaelelo: Lefatshe

Ka dingwaga tsa bo1950, buka e e bidiwang ‘Target: Earth’ e ne ya phasaladiwa mo yona bangwadi ba ne ba tshitshinya gore di-dinosaur di nyeletse ka ntlha ya bontsi jwa dithulo tsa dinaledi. Ka 1959, Robert Dietz o tlhatlhobile mafelo a ‘thunyo e e iphitlhileng’ a le mmalwa mme a supa dikhounu tse di dirilweng ke go thuba mafika ke dinaledi la ntlha. Dietz gape o bonetse pele gore dikhounu tse di dirilweng ke go thuba mafika ke dinaledi di ka fitlhelwa kwa Kgolokweng ya kwa Vredefort, eo moithutlapa wa Mo-Aforika Borwa e a e tlhalositse sentle mo ngwageng o o latelang. Dietz o tsweletse go supa dikhounu tse di dirilweng ke go thuba mafika ke dinaledi mo sebopegong se segolo sa Sudbury kwa Canada.
Go ralala dingwaga tsa bo50, tatelano ya ditekelelo tsa laboratori mo marungwana e neng a konopelwa kwa maikaelelo go kopolola dithulano go okeletsa boima jwa ngangisano ya thulo. Diteko tsa nuklere le tsona di nnile le seabe, fa borasaense ba fitlhetse gore maatla a gololwa ka dibômô tse di gakolotseng matlapa a a mabapi mme a dira diphetogo tsa sebopego, tse di tshwanang le tse di fitlhelwang mo dikhuting.

Moithutatlapa wa Dinaledi

Ka dingwaga tsa bo 1960, batho ba tantabetse tsa go tsena mkwa lefaufaung mme ba simolola go tsaya ditshwantsho tsa satalaete tsa thulaganyo ya ngwedi le lefatshe. Se se atolositse megopolo ya borasaense le setšhaba ka kakaretso ka go tshwana. Gape, se tlhatlositse ‘moithutatlapa wa dinaledi’ yo o bidiwang Gene Shoemaker yo o dirileng patlisiso e e tseneletseng ya thutatlapa ya Khuti ya Dinaledi. Go tloga fao o bapisitse diphitlhelelo le dipatlisiso tsa mafelo a mangwe a itsegeng a kgwamolelo. Dipharologano tse di botlhokwa tse a di fitlhetseng kwa bofelong di bontshitse gore Khuti ya Dinaledi e tlhodilwe ke tiragalo ya thulo mme e seng ya kgwamolelo, e e fitlhegileng kgotsa ka tsela e nngwe. O ne a tswelela go rotloetsa kgopolo ya dithulo tsa saense, go raya gore ditiragalo tsa thulo di ka tlhola diphetogo tsa thutamatlapa tsa matlhotlhapelo mo Lefatsheng, le gore ditiragalo tsa thulo tse di tlwaelegile ka go bapiswa mo lefatsheng ka bophara.
Gape Shoemaker o rutile basutlhalefaufau ba Apollo ba borongwa ba ngwedi ka ditheo tsa khuti mme a ba bolelela gore ba lebelele matlapa a a kgatlhang a ngwedi. Dikai tsa matlapa tseo ba tlileng le tsona fa ba boa go tswa ngweding di supile diphetogo tsa thulo tse di fitlhetsweng mo Lefatsheng, mme tsa thusa go rarabolola kganetsano ya ngedi. Gompieno, Shoemaker o itsege thata jaaka karolo ya setlhopha sa go reeletsweng ka bona se se supileng naledi e e mogatla Shoemaker-Levy 9, e e thutseng mo lefaufaung la Jupiter ka 1994, le dipholo tse di gakgamatsang. Gene Shoemaker o sule ka 1997mme molora wa gagwe o ne wa romelwa kwa ngweding mo patlisisong ya Ngwedi ke Baribolodi. Ka bomadimabe, patlisiso e thubagane mo boalogodimong jwa ngwedi, se se ka nnang se itumedisitse monnamogolo fela thata.

Kitso e e Golang

Ba rotloeditswe ke kitso e e golang ya kitso ka ga ditiragalo tsa thulo, barasaense mo lefatsheng ka bophara, ba simolotse go lokola dikhuti gape (jaaka khuti ya Nördlinger Ries kwa Jeremane). Gape le gape, ba fitlhetse dokhounu tse di dirilweng ke go thuba mafika ke dinaledi, matlapa a a gakologileng, diphetogo tsa thulano le ditshaeno tse dingwe tse dintsi tsa thulo, tse di tlhalositsweng fa godimo. Lenaane la dikhuti tse di netefaditsweng tsa thulo fao baemanokeng ba kgwamolelo e e fitlhegileng ba fetogofetoga.

Translated by Lawrence Ndou