Ostrich
Ntlokwe

© Peter Delaney
Ostrich.

Tebego

Ntlokwe (struthio camelus) ke leloko la setlhopha sa dinonyane se se bidiwang ratites, ke gore, ke dinonyane tse di sa fofeng mme di sena keel mo lerapong la sehuba. Mo mefuteng ya dinonyane e le 8,600 e e leng teng gompieno, Ntlokwe ke yona e kgolo. E eme ka botelele, ka maoto a maleele a a sa apesiwang, Ntlokwe e na le molala o moleele o o kobegileng o tletse bosweu. Mmelo o o serota wa ya tona o apesitswe ke dikarolwana tse ntsho fa maphuka le mogatla di na le bosweu kwa dintlhaneng. Tshegadi e borokwa le bosweu. Nonyane tse tse kgolo, tse nako nngwe di fitlhelelang boleele jwa 2.6m le bokete jwa 135kg, ga di kgone go fofa fela ke ditabogi tse di lobelo thata.

Phepo

BoNtlokwe gantsi ke baja-dimela, ba ja tlhaga, meretlwa e e matute le dithôtsê. Fela di ja le ditshenyekegi. Di kometsa matlapana a a borethe ka bontsi a a thusang go sila dijo tse di thata mo ntshung le go thusa ka motsamao wa dijo mo maleng.

Tsadiso

BoNtlokwe ka tlwaelo ba gwêla botshelo jotlhe, mme ba refosana tiro ya go elama mae. BoNtlokwe ba bopa ditlhopha tsa sebopego se se matswakabele tsa bong pedi. Tsa tona tse di lefufa ka kgaolo ya tsona, di gaisanela segopa sa tshegadi tse 3 go ya go 5. Go gwêlana go akaretsa tshwantshiso e e tlhapileng ya go suma le go bina. Morago ga go ikgaoganya ka ditlhopha tsa go gwêla, boNtlokwe mo di kgaolong tse dingwe ba dirisa dintlhaga tsa setlhopha sotlhe go tshwara mae a a ka nnang 14 go ya go 60. Sentlhaga ke mosima o o epilweng fa fatshe wa boteng jwa 1 go ya go 2 feet. Lee ka tlwaelo le boleele jwa 6 inches, 5 inches ka bophara, bokete jo bo ka nnang 3 pounds mme mmala wa lona o mosweunyana ka go phatsima. Mae a tsaya matsatsi a ka nna 30 – 40 go thuthuga.

Ya tona, e e nang le mafofa a mantsho ka bontsi, e dula mo godimo ga mae bosigo, fa ya tshegadi e e fifitseng ka borokwa, e leng yona e a beelang, e a khurumetse motshegare. Ka tsela eno go thata go bona sentlhaga. Fa e ka tshosetswa e dutse sentlhaga, se tota eleng mosimana o o epilweng mo mmung, tshegadi e rapalatsa molala wa yona o moleele fa fatshe, go kopanya mmala wa ona le wa lemorago. BoNtlokwe, kgatlhong le mo ba bantsi ba dumelang, ga ba boloke ditlhogo tsa bona mo mmung. Fa tse nnye di sena go thuthuga, ke ya tona e gantsi e tlhokomelang tsuwane go fitlhela e nna bogolo jwa go kgona go itlhokemela.

Ntlokwe Ya Legae

BoNtlokwe ba ratile go nyelela ka ngwaga-kgolo wa bo 18 ka ntlha ya go tsomiwa ga mafofa a yona. Mo bogareng jwa ngwaga-kgolo wa bo 19, ka ntata ya borui jo bo godileng jwa Ntlokwe, palo ya bone ene ya oketsega. Tsamaiso e fetogetse go thuo le ntsho ya mafofa a Ntlokwe, gona le gore di tsomiwe. BoNtlokwe ba ruegile ka katlego mme ga jaana ba ruiwa go ralala lefatshe, segolo bogolo mo Afrika Borwa, ba ruelwa nama, mafofa le letlalo tsa bona. Letlalo le a berekiwa gore le kgone go dirisetswa go dira ditlhako le dikgetsana tsa feshene.

Tulo

BoNtlokwe ba naga ka bontsi ba fitlhelwa ka ditlhotswana-tlhotswana kwa Afrika Bophirima, Botlhaba le Borwa mo bontsi jwa tsona di dulang kwa dirapeng tsa diphologolo tse di sireleditsweng kwa botlhaba jwa kontinente. Di kgona go dula mo maemong a a omeletseng mme di kgona go falola tlhokego le tatlhegelo ya metsi e e fitlhang go 25%.