Nelson Mandela – Motsereganyi ka Raymond Louw

© Eric Miller

Dijo tsa Motshegare le Bahumagadi ba Bagolegi

Go tsaya botho jo bo kgethegileng gore monna yo o dutseng dingwaga tsa gagwe di le 27 kwa kgolegelong, motswasetlhabelo wa tsamaiso e e setlhogo e maikaelelo a yona e neng e le go tshola ênê le batho ba gagwe ka fa tlase ga bokgoba, go isa batlholagadi le bahumagadi ba bagolegi ba gagwe kwa dijong tsa motshegare.
Ke se tautona ya Afrika Borwa Nelson Rolihlahla Mandela a se dirileng, dingwaga di le tlhano morago go go bulelwa dikgoro tsa kgolegelo le go tswela ka ntle jaaka monna yo o gololesegileng, mme morago a kukelwe kwa kantorong e e kwa godimo mo nageng mo go se se tlhalositsweng fa e le ditlhopho tsa motlholo.

Tshedisano le Bantsho – Ga E Teng

Ke fela dingwaga di le mmalwa tse di sa tswang go feta fa basadi bano ba ne ba bonwa ba eme ka go supa maikaêlêlô fa thoko ga banna ba bona jaaka ba opela ditumelo tsa bona tsa bosemorafe tse ba di tlhamileng ka fa tlase ga mentlele wa melawana ya tlhaolele – leano le le golo la go pateletsa bontsi jwa baagi ba le dimilione tse 40 ba naga go buswa ka fatle ga melao ya tshipi e e tsentsweng tirisong ka pateletso ke dimilione tse tharo tsa babusi ba ma National ba ma Afrikanere.
Kamanô ya tshedisano le bantsho ya basadi bano e ne e se teng gotlhelele – le fa ba ne ba ikokobeletsa go tshwarana ka diatla le madiplomate a dinagantle a bantsho ka ntlha ya fa ba ne ba wela mo setlhopheng sa maitirelo sa batho ba “boditšhabatšhaba”. Bantsho ba Afrika Borwa e ne e le baremi ba magong le bageledi ba metsi, ba siametse fela ditironyana tse ba di rebolelwang ke melawana e banna ba bona ba e tlhamileng.
Ka maemô ao go ne go na le ketlotlhoko e kgolo ya maitshwaro. Mme fa bantsho ba sa itshware kgotsa go obamela go ne ka metlha go na le kganelo, go tshwarelwa mo ntlung, go lelekwa, kgolegelo kgotsa loso. Tautona Mandela ka boene o ne a itemogetse dingwe tsa dikwatlhao tseno mo go ka nnang halofo ya botshelo jwa gagwe.

Mongwe O Ganne

Ke a le mongwe fela wa batlholagadi ba tlhaolele yo a ganne taletso go ya dijong tsa motshegare. Monna wa gagwe, Dr Hendrik Frensch Verwoerd, e ne e le motlhami-mogolo wa tlhaolele pele a ka bolawa ke motsamaisa-molaetsa wa palamente yo o nang le bothata jwa tlhaloganyo ka 1966.
E ne e le monna yo a dirisitseng botshelo jwa gagwe jwa bogodi a loga maano a ditsela tsa pogiso le mekgwa e ka yona Afrikaner Nationalists ba ka tswelelang go ingangatlela mo taolong ya naga le go tsweledisa dikakanyo tsa bona tsa bosemorafe go basweu ka bona ba ba tshwanang ka dikakanyo kwa metsetoropong e e arogantsweng, fa ba ntse ba kotula dituelo le matshelo a bonobonobo a a bakwang ke bodiredi jo bo tlhwatlhwa-tlase jwa bantsho.
Ka dingwaga di le 94, Mohumagadi Betsie Verwoerd o ne a ikuela gore bokoa bo mo thibela go tsaya loeto lwa go ya Pretoria fela, ka go nna mosadimogolo yo o bonolo, o ne a nolofatsa kgano ka go kaya semmuso fa a ka itumelela go kopana le Tautona fa a ka feta kwa ga gagwe. Seno se ne se raya gore Tautona o ne a tla tshwanela ke go tsaya loeto lo lo ka nnang 1 100km (700 miles) go ya kwa Orania e e omeletseng e le dithole kwa Karoo kwa dikarolong tse di kwa godimo tsa bokone jwa Kapa, kwa Afrikaner Nationalists ba rekileng karolwana ya lefatshe teng mme ba simoletse ka go aga teropo ya “basweu fela”.
Mo tiragalong eo, batho ba mmala (batho ba lotso lo lo kopaneng) ba ba ntseng ba tshela koo ba ne ba ntshwa. Ka ntlha ya histori eno le thuto ya go gana sengwe le sengwe se se ntsho – maemong a ma ša a Afrika Borwa e e gololesegileng, melawana ya tlhaoelele ya bodiredi jo bo tlhwatlhwa-tlase e ne ya tshwanelwa ke go fediswa mme mongwe le mongwe a tshwanela ke go itirela le go phepafatsa dikhuti tse di tsamaisang mantle tota – go ne go na le tsholofelo e potlana ya gore Tautona Mandela o tla eta.

Mandela O Etela Orania

Fela seno e ne e se sepe go Tautona yo a kgonang go iketla le motlholagadi wa tonakgolo ya maloba John Balthazar Voster. E ne e le fa e le tona ya Bosiamisi fa Vorster a ne a nyalana le mafolofolo a tlhamo a ga Verwoerd a go tsenya tirisong melawana ya kgatelelô e, ntle le bosetlhogo jwa yona, e ratile go fetola Tautona Mandela le bagolegwa ka ênê go nna dika-batho.
Tautona Mandela o fofetse kwa Orania, a nwa tee ka di-koeksisters (mofuta wa lekwinya la sukiri) le Mohumagadi Verwoerd, mme ka seatla sa gagwe mo legetleng la mohumagadi ono le monyebo mo dipounameng, mohumagadi o ne a bua ka se-Afrikaans a kabakanya fa a buisa lekwalo le a le kwadileng. “Ke kopa Tautona go akanya ka Volkstaat ka kutlwelobotlhoko mme a sweetse bokamoso jwa maAfrikanere ka botlhale”, lekwalo la gagwe le ne le buisega.
O ne a bua ka tôpô ya Afrikaner Nationalists ya go newa “naga ya batho” e e leng ya bona e ba tlileng go e busa ntle le itshunyo-nko ya bontsi. E ne e le tsela ya bona ya go leka go itlhomela karolwana-naga ya tlhaolele kwa teng ba tlileng go tsweletsa melawana ya tlhaolele, fa gotlhe go ba dikologa temokrasi ya ntlha ya Afrika Borwa e tswelela go rutlumolola masaledi otlhe a melawana e e tlhoilweng eo.
Tautona Mandela o ne a lebega a sa angwa maikutlo ke didiriswa tsa tlhaolele – jaaka letshwao la “Strictly Private” kwa matsenong a teropo, sefikantswe sa ga Verwoerd ka motswao wa sona wa “Ke le bontshitse tsela” le go se nne teng ga difatlhego tsa bantsho mo nageng e bantsho ba leng mo bontsing kwa diteropong tse di ntsi. O ne a efoga dipotso ka ga mokgwa wa “basweu fela” wa lefelo leno ka go kaya fa a sa batlwa tetlelelo ya go le etela. E ne e le maiteko a a kelotlhoko a go gana go tenega.

Translated by Nchema Rapoo