Mountain Reedbuck

© Roger de la Harpe

Leina

Mountain Reedbuck [Redunca fulvorufula]

Ponalo

Mountain Reedbuck ke phalana ee mo magareng ka selekano, e leboga mme e ditlhong thata. Pholo ya phologolo e e ka bona bokete jwa 32kg ebe e meta boleele jwa 750mm kwa magetleng.
Ee Namagadi yone e nnye mo go yone ka bokete jwa 30kg. Bobowa bay one gantsi bo-grey mme tlhogo le magetla one a reddish-brown. Ka mogatla oo bobebe oo mosweu ka maltase aa bosweu jo bo kganyang. Manaka aa pholo a kgopametse kwa pela. Phologolo e e nale ditsebe tse dileele tse disesane.

Diet

Mountain Reedbuck ke phologolo e e fulang ebile e tlhoka metsi a a mantis.

Tsalo

Tsedi namagadi di tsala namane e le ngwe, gantsi ka selemo morago ga go ima dikgwedi dile 8. Namane e fetsa go gola morago ga dingwaga tse pedi fa tsedi namagadi tsone di simolola go ka tsala kwa morago ga dikgwedi dile 15.

Mekgwa

Ka mokgwa o e tabogang ka teng entse e temekisa mmele kwa godimo e tlhagisa bosweu jwa mpa yay one. Diphela ka letsomane la dipholo di ka nna 3 go ya go 8 mme go setle go kile ga bonwa letsomane la tsone di ka nna 30. Ga dinke di nna mmogo sebaka se se telele fa setlhopha se ka nna setona thata ka gonne fa di ka tshenywa mme tsa tshaba di tla bo di phatlhalla di boela gape go nna matsomane a mannye gape.
Pholo tse di santse a gola di tla bo di ntshiwa mo lesomong gore di itlhamele lekoko la makgwatlha go fitlhela nako ya gore di ka bona thobalano le tse di namagadi. Ka nako eo, e tla iteka dikgoka ka go lwana le dipoo tse di tla bong di femela ditsha tsa tsone. Fa e ka fenya ke gone e tla letlellwang go bona molekani. Ka gantsi go nna poo ele esi mo setlhhopeng sa lelapa.

Legae

Jaaka leina la tsone le bolela, diphologolo tse di nna gantsi mo dithabeng kwa di tla bonwang teng di fula kgotsa direpile ka fa tsase ga moriti le boiphitlho jwa dijalo tsa koo.

Kwa di Tswang Teng

Phatlhalatso ya tsone e gantsi kwa dithabeng tsa Gauteng, Drakensberg le kwa dikoppies tsa Karoo gaufi le Orange River. Kwa mafelong a tlhago ya yone dibonala thata koo.

Vital Statistics

Leina la seLatini: Redunca Fulvorufula
Bokete (Mosadi): 15 - 34 kg
Bokete (Monna): 24 - 36 kg
Nako ya thwalo: 8 months
Nomore ya bana ka tsalo: 1 lamb
Order: Artiodactyla
Leloko: Bovidae
Tswalo: Ngwana a le esi a ka tsalwa nako nngwe le nngwe mo ngwageng gantsi mo magareng a Sedimonthole le Ferekgong morago ga go ima dikgwedi dile 8

Motlhala wa Yone

Go batlile go sena pharologano magareng ga motlhala wa Mountain Reedbuck le Reedbuck e le gore fela motlhala wa Mountain Reedbuck one o kwa bonyaneng.