Mononô wa Tshimo ya Mofeine

© Marinda Louw
Mononô wa tshimo o laolwa ke go phanya ga lekukunya. Lekukunya le le feditseng go gola le supiwa fa le nonne fela fa le sena go kukunya mme le nne le ngatana e le nngwe kgotsa di le mmalwa tsa sethunya. Dingatana tseno di setse di tlhogile ka fa gare ga lekukunya dikgwedi di le 15 pele ka kotulô ya ga jaana, Diphalane go fitlha Ferikgong, fa maemô a dumela. Maemô a a dumelang a akaretsa dikotla tse di lekaneng, marang a letsatsi, dithemphoritšhara tse di kwa godimo ga 20°C le themphoritšhara ya mmu e e kwa godimo ga 10°C.
Le fa lekukunya le ka nona thata ga gona mosola ope fa le sa phanya. Go phanya go go siameng go fitlhelelwa ka go kera matlhogela fela mo gongwe go a tlhokega go dirisa dikhemikhale go simolala go phanya.Translated by Nchema Rapoo