Mogolegwa Mandela ka Raymond Louw

Bolaodi jwa Tshiamo

Ditlhopho tsa 1994 di tlisitse puso ya dingwaga di le 342 ya banna ba basweu bokhutlhong, banna ba ba neng ba ipoleletse gore bosweu jwa bona le tlholego ya bona kwa Yuropa di ba fa tshwanelo ya go busa dimilione tsa batho bantsho ba ba dulang mo Afrika Borwa ntle le puisano. Phetogo e ne e gakgamatsa ka ntlha ya mokgwa o o kagiso e e diragetseng ka ona morago ga gore dibomo di emiswe le ka ntlha ya boteng jwa botho jwa motho yo o dirileng go utlwala go dira gore seno se diragale.

Ditsuololô di bakilwe ke ditiragalo le diemo tse di farologaneng. Go tla nna thata go gopola e nngwe e e simologileng ka mogolegwa yo o atlholetsweng botshelo jotlhe kwa kgolegelong mo nageng e e buswang ke puso ya bokgokgontshi, yo o senang maatla a a fetang a bolaodi jwa tshiamo jwa maikaêlêlô a gagwe.

Go tswa mo seemong seno se se sa solofetseng, Mogolegwa Mandela o ne a bolelela baeteledipele ba sepolotiki ba naga gore ba tshwanela ke go tsena mo dipuisanong le bontsi jo e leng bantsho go khutlhisa tlhaolele. Ke selo sa ditoro tsa lorato tse di sa kgonegeng – monna a le nosi, yo go neng go bonagala a nyenyefaditswe mo tshwarong ya gagwe, yo a nang le sebete sa go bolelela bagolegi ba gagwe gore ba latlhele seditse mme ba ineele mo tseleng e e ka nnang le ditlamorago di le dingwe: go neela bolaodi go batho ba ba ntseng ba ba gateletse.

Dikhuduego Di Efogilwe

Tsela e nngwe ke e histori gantsi e e neelang: go ingangatlela mo pusong ga babusi ka sengwe le sengwe se ba nang le sona, go sa kgathalatsege ditshenyegelo, go fitlhelela maphata ka bobedi a nna gaufi le go nyeletsana mo ntweng ya selegae, mme seno se tlogele bafenyi go samagana le tiro e kgolo ya go leka go busa fa ba aga seša setšhaba se se phutlhameng.

MaAfrika-Borwa a le 40-million a efogile tiragalo eo, thata-thata ka ntlha ya bopelokgale, maikaêlêlô, ponelopele le maatla a botho jwa Mogolegwa Mandela. Ka go tlhoka pelaelo, tautona ya nako eo Fredrik Willem De Klerk e ne e le mongwe yo o botlhokwa mo tsamaisong eno.

Fela De Klerk o ne a buisitse matshwao sentle. O ne a itse gore fa puso e ka nganga ka tlhaolele le kgatelelô, naga e tla phutlhama, lwantlha ka moruo mme morago ka dikhuduego tsa selegae.

Alcatraz ya Afrika Borwa

Mogolegwa Mandela o tlisitse ditalêntê tse a di lotsitseng kwa kgololegelong mo dipuisanong. O diragaditse boitshwaro jo bo kwa godimo, a seka a latlha go bea leitlho mo moding wa gagwe mme a dirisa tshono nngwe le nngwe go ithuta. E ne e le moeteledipele wa Alcatraz ya Afrika Borwa, Robben Island, monna yo o rotloeditseng bagolegwa ka ênê, a ba rotloetsa gore ba ithute le go aga maatla a bona a mmele le a tlhaloganyo.

O bontshitse itshokelanô e kgolo go dipônô, tsa sepolotiki tse di sa tshwaneng le tsa gagwe, mme a kgothaletsa kitlano magareng ga bagolegwa ka ênê. O ne a tlhomphiwa ke bagolegwa ka ênê jaaka sesupo sa ntwa ya bona. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, bagolegwa ba tlhamile mekgwa ya go buisana magareng ga bona le boeteledipele jwa ANC kwa dinaga-botshabelo tse di kwa moseja.

Ka tiriso ya dikanale tse di tshwanang le tseo bagolegwa le bona ba ne ba bolelelwa ka ditiragalo tsa sepolotiki tse di botlhokwa “kwa ntle”. O kwadile gape le buka ya tsa botshelo jwa gagwe, “Long Walk To Freedom”, e e neng ya kopiswa ka mekwalo e me nnye ke bagolegwa nae mme kwa bokhutlhong ya tabogisetswa kwa tshireletsegong ke mogolegwa mmogo Mac Maharaj.

Naga-Selegae ya Bantsho e e Ikemetseng

Puso e ne ya leka go mo roba mowa wa kganetso ka go mo abela kgololo – ka bo-1970 – gore ênê a amogele se se neng se bitswa “naga-selegae ya bantsho e e ikemetseng” ya Transkei mme a dumele go dula ka mo gare ga melelwane ya yona. Fa a ka ne a dumetse o ne a tlabe a file tumêlêlô ya gagwe go “Tlhaolele Kgolo”, molawana wa go aroganya naga ka dikgaolo di le mmalwa tse bantsho ba tla beng ba “ipusa” mo go tsona.

Mandela o ne a gana nnang. Ka jalo puso e ne ya tlogela leano leo, fela ka dingwaga tsa bo-1980 ene ya leka go mo nea kabo e nngwe e e raêlang, go mo golola mo kgolegelong mme ênê a eme kgatlhanong le tiriso-dikgoka. O ne a araba ka gore “bagolegwa ba ka se tsene mo kontrakeng” mme a fa ditôpô tsa gore puso e khutlhise go lwantsha batho bantsho.

E ne e le kabo e e raêlang ka gonne Mandela o ne a setse a dutse kwa kgolegelong dingwaga di feta 20. Kabo e e tshwanang le eno e ne ya nêêlwa bagolegwa ka ênê, mme seno se bua go le gontsi ka kitlano ya bona e a e kgothaditseng le bopelokgale jwa bona ka fa e le a le mongwe fela yo a e tsereng.

Tlhopho ya Nako e e Siameng

Maatlametlo a gagwe e ne e le go romela molaetsa kwa pusong, a ba rebolela go tsena mo dipuisanong go khutlhisa tlhaolele le go tlisa diphetogelo go temokrasi mo Afrika Borwa.

Tlhopho ya nako e ne e le e e siameng tota. Dikiletso kgatlhanong le naga di ne di senya maruo a naga le go dira Afrika Borwa letlhaodi mo tswelelong ya technology le dikamano le dinaga-ntle; mo nageng, bogogelathoko le ditiragalo kgatlhanong le tlhaolele di ne dia magoletsa, go ikgogela morago le ditshupetso di ne di gobatsa puso mme molawana wa ANC wa go dira naga go nna ya magana-go-buswa o ne o tsepama tsatsi le letsatsi.

Go ne go na le go runya ga tiriso-dikgoka gangwe le gape. Fa morago ga moago wa letlapa wa tlhaolele, puso ya National Party e ne e simolola go tlhoka tsepamo le tlhomamiso. Mokgatlho wa bonokwane wa sephiri o o neng o le fa morago ga tlhaolele, Afrikaner Broederbond, o ga e sale ka diteko tsa metlheng ya ntlha tsa ma-Nationalist o dirileng melawana le go thusa go e tsenya tirisong ka go laola maloko a ona a kabinete le a a kwa dikarolong tse dingwe tse di botlhokwa, o ne o eme sejaro go tsaya tshweetso e e botlhokwa – go fedisa tlhaolele.

Translated by Nchema Rapoo